Go Lema Tilapia
Pele o ka simolola bodirelo bofe kgotsa bofe jwa bolemirui jwa tlhapi ya metsi a a foreshe, go botlhokwa gore o nne le leano-kgwebo le le siameng, o supe mmaraka wa gago (go rekisa tlhapi), boleng jwa metsi, didiriswa tse di matshwanedi, leruo la tlhapi le le ntle le le itekanetseng mme o nne le bokgoni jo bo matshwanedi mo bolemiruing jwa tlhapi ya metsi a a foreshe (temôwatle).
Ke Eng Tilapia?
Tilapia ke mofuta wa tlhapi ya metsi a a foreshe ya bobedi ka go lengwa go gaisa mo lefatsheng. E tlholega gotswa kwa Afrika ya tropical le Botlhaba jo bo Gaufi, tilapia ke tlhapi ya sejagotlhe (e ja dimela le ditswaphologolong) e e ka itshokelang maêmô a tikologo a a atologileng. Di ka lengwa ka kgwebo mo dithulaganyong tsa metsi a a bothitho tse di farologaneng (20 - 30℃), fela di diragatsa bontle mo makadibeng a a nang le mokoa wa dijo tsa tlhago.
Ke Mofuta Ofe wa Tilapia o o Gaisang go ka Lengwa?
Ditlhagiso tsa tilapia lefatshe ka bophara tse di ka etsang 95% di dirisa mefuta e e tokafaditsweng ya Oreochromis niloticus, eleng tilapia ya kwa Nile. Mofuta ono tsene mo boemong jwa o o neng o diriswa pejana wa O. mossambicus (Mozambique tilapia) o o angwang ke ditlamorago tsa kgolo ya go sale gale, kgolo e e bonya le sebopego sa mmele se se bokoa, mme o fana ka ntsho e e kwa tlase ya fillet.
Mefuta ya Nile tilapia e e lwantshang-malwetse, ya mmele o o boteng mme e golela ka bonako ga jaana ke yona selekanyetso sa kgwebo, ka mmala o mohibidu le o o selefera ka bobedi. (‘Mmele o o boteng’ o kaya gore mme o boteng ka sebopego, go na le gore o nne le sebopego se se seng boteng, tlhogo e kgolo thata mme o sena ‘nama’ jaaka O. mossambicus.)
Nile tilapia e ka gola gotswa go tlhapinyana ya 1 g goya go bokete (bokete jwa mmaraka) jwa 500 g mo dikgweding di le 8 – 9, fa go bapiswa le go fitlha go dikgwedi di le 14 mo mefuteng e mengwe ya tilapia.
Nile tilapia di lengwa ka go anama mo Borwa jwa Afrika fela di tlhoka lekwalotetla le le kgethegileng gotswa go Department of Environmental Affairs (DEA) mo Afrika Borwa, fa e kaiwang ele setshedi sa motswantle se se iteleketseng mo nageng.
Maêmô a Kgolô a Tilapia
Tilapia ke setshedi sa metsi a a bothitho ka dithemporatshara tse metsi tse di namatsang tsa magareng ga 24 – 32°C.
Seêlô sa kgolo sa tilapia se nna bonya fa dithemphoritšhara tse metsi di le kwa tlase ga 20°C mme e bontsha kgolo e nnye kgotsa e e seong gotlhelele fa di le kwa tlase ga 15°C. Tilapia e tlhaselwa bonolo ke malwetse mo dithemphoritšhareng tsa metsi tse di kwa tlase (botsididi jo bo fetang 15℃) mme e tlile go swa ka 12℃ kgotsa kwa tlase. Seno se kganetsa dikarolo mo Afrika Borwa tse setshedi seno se ka godisetswang kgwebo kwa ntle, le fa temo ya mogorogoro ya ntlwaneng e e sireleditsweng e letla bolemirui jo bo anameng.
Le fa tilapia di itshokela dielô tse di kwa tlase tsa oxygen (tse di kwa tlase ga 4 ppm) le dielô tsa ammonia tse di kwa godimo go na le mefuta e mengwe ya ditlhapi (sekai, trout), kgolô ga e atlege fa boleng jwa metsi bo tsweletswapelemo dielông tse di kwa tlase. Ke phoso go dumela gore tilapia e ka gola mo maêmô a tikologo a a bokoa.
Dikgaolo tsa Tlhagiso ya Tilapia mo Afrika Borwa
Le fa dithemphoritšhara tsa metsi tse di bothitho ngwaga otlhe di eletsega, tlhagiso e e kwa godimo ya tilapia ya dinaga tse di jaaka Egypt (kwa go feta 750 000 tons e tlhagiswang ka ngwaga) e bontsha gore dikgaolo tsa Afrika Borwa le tsona di siametse temô ya tilapia ya lekadiba la metsi a a matala. Egypt, ka mariga a yona a a marutshwana a Mediterranean, e na le dithemphoritšhara tsa metsi tse di kwa botlaseng jo bo jaaka 10℃.
Go na le dikarolo di le di ntsi tsa bokone-botlhaba jwa Lowveld ya Afrika Borwa (mo seferwaneng sa Inkomati sa diporofense tsa Limpopo le Mpumalanga ka bobedi) ga mmogo le kwa kgaolong ya lobopo le le kwa bokone lwa KwaZulu-Natal tse di nang le dithemphoritšhara tsa metsi tsa mariga tse di kwa godimo ga 150℃, go di dira tse di siametseng temô ya kwa ntle ya tilapia.
Dithulaganyo tsa Lekadiba la Metsi a Matala tsa Tilapia
Bontsi jwa bolemirui jwa tilapia kwa China, Indonesia, Philippines, Bangladesh, Israel le Egypt bo direlwa mo makadibeng a metsi a matala a a ungwisitsweng le go tsenngwa sefepi.
‘Kumiso’ ya makadiba a metsi a matala ke go tsenngwa ga monontsha wa phologolo kgotsa khemikhale mo metsing go rotloetsa kgolo ya dijo tsa tlhagô tsa tlhapi – ditswatsheding tse di jaaka daphnia, cyclops le bolele tse tlhapi e di jang. Metsi a nna matala ka motsi wa tsamaiso.
Mo makadibeng a a ‘fepilweng’, difepi tsa maitirelo tse di dirilweng di pellet di a diriswa. Thulaganyo ya makadiba a metsi a matala, e fokotsa tlhwatlhwa ya phepô ka go rotloetsa mokoa wa dijo tsa tlhagô mo makadibeng. Makadiba ano a tshwanetse go nna a magolo thata go tshola boleng jwa metsi bo siame, bogolo jwa bobotlana 0.25 ha (sekai 50 m x 50 m).
Bana botlhe ba tilapia ba godiswa ka tlhopho mme botlhe ke ditona, go thibela botshwititshwiti jwa go sale gale mo makadibeng. Thulaganyo ya bogologolo ya dingwaga tsa bo-1960 ya makadiba a mannye a metsi a a tlhapileng, e e neng e dirisa bana ba bong jo bo kopakopaneng ba tshika e e sa itsiweng ke kgale e kgapetswe thoko ka ge ese mosola.
Dithulaganyo tsa Re-circulating tsa Tilapia
Re-circulating aquaculture systems (RAS) ya bolemirui jwa tilapia e lekilwe mo dikgaolong tsa setoropo le tsa seka-toropo. Fela, thulaganyo ya RAS e tlhoka thata motlakase le bokgoni mme e gobatswa ke matsapa a go tlhoka phepo ya maitirelo. Mo Afrika Borwa, sefepi sa tilapia se tlhwatlhwa-godimo thata fa go bapiswa le kwa dinageng tse dingwe tse di jaaka Zambia. Ka kamano-magareng ya phetolo-dijo kana food conversion ratio (FCR) e e ka nnang 1:1.5 mo dithulaganyong tse di siameng, go dirisa ka sekai sefepi sa tilapia ka R12/kg, tlhwatlhwa ya sefepi fela e ka fitlha go R18/kg le tota mo RAS ya tlhagiso e e kwa godimo.
Maatla, bokgoni le tlhwatlhwa di dira kgonagalo ya katlego mo lotsenong ya RAS e nne le dipotso. Go kopantswe le maatla a a kwa godimo le tlhwatlhwa ya bodiri, tlhwatlhwa ya kgodiso ya tilapia mo dithulaganyong tse di jalo e ka feta tlhwatlha ya kwa mmarakeng ya nama ya tilapia ka dinako dingwe.
Fa RAS e na le bomolemô jwa go laola boleng jwa metsi, go tshwanetswe ga amogelwa gore matshosetsi a go retela ga thulaganyo a kwa godimo, ka ditlamorago tsa ditatlhegelo tsa leruo. Dithulaganyo tse di jaana di ikaega ka maatla 24/7, mme di tlhoka tlamelo ya maatla ya tshoganyetso e e itaolang le bokgoni jwa setegeniki jwa seêmô se se kwa godimo. Go tlaleletsa, ga di ise di pakwe fa go tliwa mo kgwebong.
Translated by Nchema Rapoo