Go Lema Catfish

©Marinda Louw
Bolemirui jwa catfish mo Afrika Borwa bo na le kgonagalo-kgolô e e boitshegang, fela balemirui ba ba ntšhwa ba temôwatle ba tlhoka go nna le leano la thekiso le le ntle pele ba ka simolola.

Dithulaganyo tsa Bolemirui tsa Catfish

Ka ntlha ya bokgoni ba tsona ba go dirisa mowa ka tlhamalalo jaaka motswedi wa tsona wa oxygen, mmogo le kgotlelelo ya tsona mo metsing a boleng jo bo kwa tlase a a ka tsenyang kgatelelô mo ditlhaping tse di boi, catfish e ka lengwa ka palo e e kwa godimo. Setshedi seno se tropical ka tlhagô mme se gola bontle mo themphoritšhareng ya metsi ya 28°C. Ka fa tlase ga maêmô a tropical di lengwa mo ditankeng tsa konkoreite mme metsi a fetolwa ka metsi a ‘mantšhwa’ tsatsi le tsatsi go tshola boleng jwa metsi bo siame.

Mo boseng jo bo mo magareng, jaaka kwa Europe le Afrika Borwa, catfish e tsholwa ka mo gare ga kago ka mo teng ga mogôgôrô wa ntlwana e e sireleditsweng kgotsa bobolokela-thoto, mme themphoritšhara e laolwa ka mokgwa wa dipompo tsa mogote tsa motlakase kgotsa sebedisi. Metsi a dikoloswa ka go tswelela magareng ga ditanka tsa yona le ditlhotlhi tse di maatla tsa botshedi go ntsha le go fetolela mantle a ditlhapi go nna mo popegong e e seng kotsi. Dithulaganyo tse di takilweng sentle tseno tsa tikoloso-metsi ya temôwatle kana recirculating aquaculture systems (RAS) di kgona go tlhagisa 1 ton ya ditlhapi go 30 m² nngwe le nngwe ka kgwedi!
Tiriso ya makadiba a metsi a matala ga e matshwanedi mo bolemiruing jwa catfish mo Afrika Borwa ka ge bosa bo le tsididi thata go bona kgolo e e namatsang ngwaga otlhe. Kgaolo nngwe le nngwe e mo go yona tikologo e e laolwang ke themphoritšhara e ka tlhangwa e ka tshwanela tlhagiso ya catfish.
Taolô ya themphoritšhara, boleng jwa metsi jo bo siameng, sefepi se se gaisang le bolaodi jo bo siameng ke dintlha tse di botlhokwa tsotlhe mo bolemiruing jwa catfish. Go botlhokwa gape go lemoga gore tlamelo e e tsweletseng ka tsepamo ya motlakase e a tlhokega ka ge catfish e ka se lemiwe ka katlego ntle le go nna teng ga motlakase.

Magato a Kgolo a Catfish

©Leslie Ter Morshuizen
Le fa ele tlhapi e e nonofileng thata go lema ka yona, catfish ka kgagamatso e bokoa thata mo magatong a thuthugo.
Botshelo mo kgolegelong bo simolola mo bothuthusetsong kwa catfish tsa segolwane di tsietswang gore di tlhagise mae le sepeme. Tseno jaanong di tswakanngwa ke molaodi wa bothuthusetso le go bewa mo ditankeng gore di thuthuge. Mae a catfish a tshaba lesedi, ditanka di apeswa ka letsela la moriti kgotsa mealo e e fifetseng ya polasetiki go tshola mae le bana ba tlhapi mo lefitshwaneng.
Catfish di dira sengwe le sengwe ka potlako mme thuthugo ga e salele morago; mae a tlile go thuthuga mo diureng di le 24 morago ga go beelwa. Bana ba dirisa dikgetsana tsa tlae tsa bona sebaka se se ka nnang diura di le 48 pele ba simolola go iphepa gotswa kwa ntle lantlha. Mo nakong e, bana ba tlile go fepiwa motswako wa difepi tsa tlhago le tsa maitirelo, mme seno se ise kwa kgolong e e potlakileng.
Ka gonne catfish ke sejasetshedikasone, di tlhoka go tlhaolwa beke le beke go netefatsa fa tanka nngwe le nngwe e na fela le ditlhapi tsa bogolo jo bo tshwanang, eseng jalo ditlhapi tse kgolo di tlile go ja ditlhapi ka tsona tse di nnye.

Kgolo ya bogolegwa e ka bonako mme catfish e fitlhelela 1 kg mo dikgweding di le thataro morago ga thuthugo, le 2 kg fa di le bogolo jwa dikgwedi di le robedi. Go etegetsa kgolo e e bonako eno di fepiwa phepô ya boleng jo bo kwa godimo. Sefepi seno se lebega jaaka pellet ya dintša mme e na le soya, mmidi, korong, dijo tsa phologolo (madi, marapo, kgogo, jalo le jalo) le motswako wa pejana wa vitamin-mineral. Ka maswabi, go na fela le madirelo alo mabedi mo Afrika Borwa a tlhagisang sefepi sa catfish mme tlhwatlhwa ya sefepi e ka nna kwa godimo, mme ya bopa e ka nna pedi-tharong ya tlhwatlhwa-kakaretso ya kgodiso.

Papatso ya Catfish

©Leslie Ter Morshuizen
Le fa legato la thuthuso le tletse dikgwetlho, thaba e e kwa godimo e molemirui wa catfish a tshwanelwang ke go e tshela ke papatso e e atlegileng ya tlhapi fa a sena go fitlhelela kotulo. Mo thulaganyong ya RAS o ka kotula tsatsi le tsatsi, ka beke kgotsa ka kgwedi fa tlhagiso e ntse e tsweletse. Catfish ka tlwaelô e rekiswa fa ele 1 kg, e builwe. Catfish e ka dirwa fillet go mebaraka e e totilweng fela e kaiwa fa ele tlhwatlhwa-godimo thata go mebaraka ya botlhe.
Mo Borwa jwa Afrika, nama e tshesane e e boleta ya catfish ga e ise e fitlhelele serodumo se se e tshwanetseng. Kwa Afrika Bogare le Afrika Bophirima, setshedi seno se tumile thata ka ditone di feta 250 000 tse di lemiwang ngwaga le ngwaga kwa Cameroon, Nigeria le Democratic Republic of the Congo.
Se se itshupang se tumile mo Afrika Borwa, fela, ke ditlhagiswa tsa catfish tsa tlaleletso-boleng tse di jaaka sausages, pâté le di-patty ga mmogo le smoked catfish fillets. Go solofelwa gore, jaaka badirisi ba ntse ba lemoga dipoêlô tsa itekanelo le boapei tsa go ja catfish, tlhoko ya setshedi seno se tla gola fa gae.

Translated by Nchema Rapoo