Go Jala Segwete

© Louise Brodie

Go Atisa

Go atisa ke ka peo mme digwete ga di kgone go jalollwa.

Mokgwa wa goJwala

Peo ya segwete e jalwa ka tlhamalalo mo tshimong mo mebotwaneng. Go jalwa mo ka mela go botokwa go phala go jala ka phatlalatso. Boteng jwa peo botshwanetse go nna bo bo leng dimilimetara tse 25 go ya 40 ka mo mebung e e rephileng, e e bofefo. Boteng ba go jala bo tshwanetse go nna fa godimo mo disentimetareng di le 10 go ya tse 15 mo mebung e e bokete mo dikgweding tse di tsididi. Go jala go go botengnyana ka selemo fa mmu o oma ka bonako.
O jale mo mmung o o bongola mme o tshole mmu o le bongola.

Go Katogana

Dimela di tshwanetse go nna mo dikatolosong tsa 20 cm mo gare ga tsona mme mela e nne 40 go ya go 50 cm fa gare ga tsona. Kitlano ya dijalo tse di ka nnang 150 go ya go 200 ka m².

Nako ya go Jala

Digwete di ka jalwa mo dikgwedi tse dintsi tsa ngwaga fa dithempheretšha di nepagetse ka kgolo ya maleba. Fela tlwaelo e e siameng ke kgwedi ya Phatwe go ya go Diphalane le Tlhakole go ya Moranang.

Nako ya go Jala

Digwete di ka se kgone jalollwe.

Nako Go Mela

100 go ya go 120 ya malatsi.

Go Nontsha

Dikatlanegiso tsa monontsha di tshwanetse go ikaega ka ditlhatlhobo tsa mmu.
Jaaka kaedi ya kakaretso, 150 go kg/ha ya motswako wa monontsha wa 2:3:4 (24) o tshwanetse go dirwa mo godimo ga 20 cm ya mmu pele ga go jala.
Potasiamo e tshwanetse go dirisiwa ka dibeke tse nne mme gape ka dibeke di le robedi morago ga go jala.
Letlapa la kalaka Ammoniamo Naethreite ka kelo ya 100 go ya dikilogeramo tse 200 ka heketara di tshwanetse go dirisiwa jaaka go lokela tokelobogodimo mo dibekeng tse di ka nnang tse thataro morago ga go jala.

Nosetso

Fa peo e jetswe la ntlha netefatsa gore mmu o nna le bongola. Se se ka tlhoka go nosetsa letsatsi le letsatsi.
Mo ditlelaemeteng tse di tsididitsana nosetsa dimilimetara tse di ka nnang 25 go ya go 30 ka beke mo dikgaotsong tsa gangwe le gape o netefatsa gore mmu o nna o le bongola. Mo dithempheretšheng tse bollo mmu o ka tlhoka go nosetswa go fitlha dimilimetara tse di ka nnang 50 ka beke.

Translated by Lawrence Ndou