Segwete

© Louise Brodie

Leina la Saense: Daucus carota L.
Leina la Tlwaelo: Carrot

Tlhaloso ya Semela

Sejalo sa ngwagapedi se se tlhamaletseng le modi o o jewang.

Tiriso

Se jewa se le tala kgotsa se apeilwe mme se ka dirwa matute.

Ditlhokego tsa Mmu le go Baakanngwa

Se boteng, o rephile, mmu o o monolotswe, mebu ya motlhaba mokata. Baakanya mebu mo boteng jwa 600 mm, mme go jalwa mo mebotwaneng go mosola. Maemo a pH a botokwa ke a a leng magareng ga 5,0 go ya go 6,0. Sekaseka le go alafela nematodes fa go tlhokega. Lenaneo la go dikolosa dijalo le eleditswe fa digweteng di jetsweng ka metlha. Nontsha pele ga go jala ka go dira tiriso ya ntlha ya menontsha go godimo ga 15 cm ya mmu ya karolo ya sejalo.

Tlelaemete

Digwete di ke dijalo tsa setlha se se tsedifaditsweng mme se ka kgona go emelana le serame se se magareng mme se tlwaetswe dithempheretšha tsa mogote wa 28°C le kwa godimo. Go tlhagelela mo dithempheretšheng tse di fa tlase ga 5°C lobaka lo lo telele kgotsa go feta 30°C go kotsi mo tlhabololong ya modi o o jewang. Themphereitšha e e maleba ya kgolo ke 15 go ya go 20°C.

Mefuta ya Dijalo

Nantes, Maraka wa Kapa, Danvers, Fancy, Chantenay, E khibidu e e Maleba, Kuroda.

Translated by Lawrence Ndou