Garlic ka Kakaretso

©Louise Brodie
Leina la Bonetetshi: Allium Sativum
Leina la Tlwaelô: Garlic
Garlic ga jaana e tlhagiswa go ralala lefatshe fela e tlholegile kwa Europe le Asia Bogare.

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo se na le medi e e tswang mo thitông ya segwere, e e bopiwang ke dikarolwana tse di mo magareng ga 6 le 12. Kutwana e khutshwane, ka boleele jo bo ka nnang di-centimetre di ka nna thataro, mme e atologela fela fa godimo ga mmu.
Go tloga fao matlhare a a sephaphathi a okareng tlhaga a atologela go 15 goya go 20 cm fa godimo ga mmu. Matlhare a tshwana le a eiye le leek, fela a farologane go se nene ka ge ale phaphathi thata fa go bapiswa le Alliums tse dingwe tse matlhare a tsona a leng kgolokwe.

Ditiriso

Garlic e ntse e diriswa mo ditirisong tsa kalafi jaaka selwantsha-kgotelo, go dumelwa gape fa e isa tlase kgatelelô ya madi le go laola seêlô sa cholesterol, mme e ntse e diriswa jaaka setsenya-tatso mo dijong dingwaga tse di fetang 5000.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Mebu e e siameng ke e e motlhaba ya serokwa e e nang le kelelometsi e e siameng le pH ya 6 goya go ya 7. Mebu e tshwanetse go ka huma ka menontsha e e seng ya maitirelo. Fa go tlhokega, tswakanya motshotelo kgotsa mosutele mo mmung pele ga jalô fa o baakanya le go lekalekanya lefelo la jalô. Lefatshe le tshwanetse go ka lengwa mo boteng jo bo ka nnang 20 cm. Paakanyô eno gape e laola mefero mo mmung o o fa godimo.

Bosa

Garlic e ka jalwa mo boseng jo bo anameng. Dithemphoritšhara tse di gaisang ka paka ya kgolô ya yona ke magareng ga 12 le 28 degrees centigrade. E kgona go itshokela bosa jo bo tsididi le maêmô a a bothitho, fela seno se fokotsa kgolô le go bopega ga segwere.
E tshaba kgatelelô ya metsi ka ntlha ya modi-thulaganyo wa yona o o seng boteng. Ka jalo go rotloediwa go jala ka fa tlase ga nosetsô e e laolegang le go se ikanye pula fa thôbô e e kwa godimo ya ka gale e eletswa.

Dijadi

Go na le mefuta ele mebedi ya garlic. Garlic ya soft neck le ya hard neck, mme mofuta mongwe le mongwe o na le ditswa-mofuteng di le di ntsi. Mofuta o o tumileng thata o o jalwang mo Afrika Borwa ke wa ditswamofuteng tsa soft neck ka ge di tiile, mme di ka bolokwa sebaka se se telejana. Garlic ya soft neck e na le di-clove tse di fetang tsa hard neck e e nang le di-clove di le mmalwa fela di le kgolwane.
Se gape se sireletsang di-clove tsa garlic ya soft neck ke gore e na le matlapi a kwa ntle ale mantsinyana a a dikaganyetsang di-clove, a a bopang kgwele. Garlic ya hard neck e na le mealo ya matlapi a kwa ntle e mesesane ele mmalwa mme ga e bolokege sentle.
Mefuta ya garlic ya soft neck: Silverskin le Artichoke
Mefuta ya garlic ya hard neck: Rocambole, Porcelain le Purple Stripe

Translated by Nchema Rapoo