Eucalyptus Oil

© Geekstreet
Kwa tshimologong Eucalytus e ne e dirisiwa ke basetshaba sa ba-Aborigine kwa Australia kaga e le molemo o o bolayang megare (antiseptic), e phekola dintho, di-fungal infection le go fodisa febara (fever). Dingaka tsa setshaba soo China, Greek, Europa le Ayurvedic ba ne ba dirisa eucalyptus jaaka sebolaya megare le se phuthulola mafatlha (disinfectant and expectorant).
Ga e sale dingwaga tsa di1880s, baari (surgeons) ba ne ba dirisa oli ya eucalyptus go bolaya megare fa ba ara (surgery). Eucalyptus ga e tlholege mono Afrika Borwa. Matlhare a yone a robiwa kwa masimong le ditshimongwaneng tse di ikgethegileng.Ke mefuta e meraro ya di-eucalytus tse di ntshang Oli tse dilemiwang mo Afrika Borwa, ebong Eucalyptus smithii, Eucalytus Dives le Eucalyptus Australiana.
Oli ya ya Eucalytus ke molemo oo bolayang megare (antiviral and antibacterial), mme e kgona go phekola mofikela, E thusa batho ka bula dinko ga dithibane ga ba fotha ka yone, mme bangwe ba e dirisa ga fotha ka fa gare ga di-sauna, go kokobatsa matlhoko a mesifa ka ga e na le di-antimicrobial properties. E na le mosola ga e tsentswe mo dirisiwa tsa go phepafatsa. E koba le go bolaya diji (pesticides) mme e ka dirisiwa go phepafatsa diruiwa tsa botsalano mo lelapeng le fa dirobalang fa teng.
Sengwe se se botlhokwa ka mosalo wa oli ya Eucalyptus ke bokgoni ba yone ba go kokobatsa mokgathala wa tlhogo kgotsa monagano ka monkgo wa yone o o fodisang mme o tsoseletsa matlhagatlhaga le mowa o o phepa. E ntse e dirisiwa mo diphapusing tsa borutelo ka tsela ya aromatherapy mengwega.
Oli ya Eucalyptus ga e ya tshwanela ke go dirisiwa ke basadi ba ba mo mmeleng, bana ba ba fokolang ka low blood pressure, batho ba ba nang le bolwetse ba sukiri kgotsa diphilo (kidneys), sebete (liver) le dikgoreletso tsa mala. Oli e e ka tshwara kgabo ya molelo mme o tshwanetse ke go katosa mollong le dikerese tse ditukang.
Oli ya Eucalyptus e e diriwang mo Afrika Borwa e abela lefatshe ka 5% ya selekano se diriwang lefatshe ka bophara. Mo lefatsheng China le Australia ke ditshaba tse di dirang oli eno ka bontsi. Mo Afrika Borwa ditlhare tsa Eucalyptus di lemiwa kwa, KwaZulu-Natal le profinsi ya Mpumalanga mme ditlamelo tsa go dira oli tsone di bonwa kwa toropong ya Richmond kwa KZN.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Ikalafeng Maedi