Ditshedinnyennye mo Mmung

Mmu ga se fela dikarolwana tsa lejwe le le thugilweng. Mmu ke popegô e e matswakabele e e leng legae la medi ya dijalo le ditshedinnyennye. Ka laboratori ya ditsamaiso tsa khemikhale le tsa botshedi mme ke tikologo e e rotloetsang boitekanelô le kgolô ya sejalo.

Ditshedinnyennye - bacteria, mouta le protozoa - mo mmung di tshameka karolo e kgolo mo ditsamaisong tse di sweetsang kgolo ya sejalo. Ga di ntshe fela diesiti tse di dirang gore diminerale di nne teng jaaka dijo tsa sejalo, mme fela gape di rwala maikarabelo a nitrogen fixation, go thugwa ga ditswatsheding le tikoloso ya dikotla.

Mo dithulaganyong di le di ntsi tsa temôthuo e e tsweleditsweng, tsepamiso e mo go fepeng mmu ka di-microbe, gona le go fepa dijalo.

Ditshedinnyennye ke Eng

Ditshedinnyennye, jaaka sebôpegô sa botshelo santlha mo lefatsheng, di dirile gore tshelo e kgonege ka go tlhagisa oxygen mme di botllhokwa go ditsamaiso di le di ntsi tse dingwe.

Ditshedinnyennye di arogantswe ka ditlhopha di le tharo: parasites, saprophytes, le symbiotic microorganisms. Metlhampepe e iphepa ka dijalo le diphologolo tse di tshelang mme e baka malwetse le pôlô.

Saprophytes di bodisa dijalo tse di suleng go golola dikotla le go bopa humus. Ditshedinnyennye tse di tshedisanang di tshela ka tsela e e dipoêlô le dijalo. Sekai ke bacteria e e fitlhelwang mo dinokong tsa menawa e e jaaka di-clover. Bacteria tseno tse di siamisang nitrogen di bôfelela nitrogen gotswa mo lefaufaung ka sebôpegô se sejalo se ka e monyelang ka sona.

Ditshedinnyennye di Dira Jang

Di-microbe tsa mmu di dira mo itlhotomaganong ya dijo e e matswakabele. Itlhotomagano ya dijo ke tlhatlhamano ya ditsamaiso e mo go yona ditlamorago tsa tsamaiso ele esi di diriswang jaaka motswedi wa setuki go tsamaiso e e latelang. Ka bokhutshwane, ditshedinnyennye di ikaega ka tse dingwe go ka tlhagisa motswedi wa dijo.

Go simolola ka setswatsheding se se tala se se jaaka matlhare se se bitswang ‘detritus’ le diji tsa ntlha tse di iphepang ka sona tse di bitswang ‘detrivores’. Detrivores di tlile go akaretsa dinta tsa logong, dibokwanammu le dikhukhwane, di thuswa ke mouta le bacteria. Diji tsa bobedi ke di-nematode, dikgopa, digwaba le dintsi. Bolêlê bo tshela mo boalông jo bo fa godimo jwa mmu mo bo ka fitlhelelang marang a letsatsi teng. Bolêlê bo botlhokwa ka ntlha ya bokgoni jwa jona go ka siamisa nitrogen ya lefaufau mo mmung.

Mouta wa mmu o tlhogisa mokoa wa dikagego tse okareng ditlhale tse telele tse di bitswang mycelium. Mycelium e monyela dikotla, e sireletsa medi kgatlhanong le disenyi le di-pathogen mme e thopa medi ya sejalo go thusa sejalo go ka bona dikotla tse di jaaka phosphorus gotswa mo mmung. Mouta ke dibodisi tse di botlhokwa tsa magweregwere a a logong a a humileng ka carbon jaaka diphatsa tsa logong. Aspergillus le Penicillium ke dikai di le pedi tsa mouta o o bedisang. Di tlhagisa dire tsa antimicrobial le go tlhama diesiti tsa amino, tse di bopang dikgwethe-kago tsa di-protein.

Ditlhabego tse di mo mmung di tlhagisa di-hormone le di-enzyme tse di tlhokegang mo kgaoganyong ya disele le kgolô ya medi. Ditswetswenô tsa ditlhabego di bopa motheo wa actinomycetes le bacteria ya esiti ya lactic.

Actinomycetes ke bacteria tse di bopang filament, tse di rwalang maikarabelo a go bodisa dire tse di logong le dimolekhule tse di matswakabele mo mebung e e kgotlhelegileng, mme gape di thusa mo go bopegeng ga humus. Di rwele maikarabelo a monkgo wa mmu o o itshupileng wa mmu o o lemilweng.

Bacteria mo mmung gantsi e bopa botshelo jo bo boitshegang mo mmung mme e rwele maikarabelo a go dira gore sulphur le nitrogen di nne teng. Bacteria ya esiti ya lactic e tlhagisa diesiti tsa botswatsheding tse di gatelelang di-pathogen tse di jaaka Fusarium le di-nematode.

Go Ka Oketswa Jang Di-microbe Tsa Mmu

Dipatlisiso di bontshitse boidiidi jo bo kwa godimo jwa di-microbe tsa mmu mo dithulaganyong tsa temô ya botswatsheding gona le mo dithulaganyong tsa temô e e tlwaelegileng. Di-microbe tsa mmu ka jalo di rotloetswa ke mekgwa-tiriso ya temô e e jaaka e e senang pêtlêko, go jalwa ga dijalo-khurumetsa le jalô-tikoloso. 

Oketsa botswatsheding jwa mmu ka go tshela motshotelô, mmutele, matlhare, matlakala a maungo le a merogo, kgotsa tshela motswako wa ditshedinnyennye mo mmung. ‘Effective Microorganisms’, e gape e bitswang EM e ne ya tlhangwa kwa Japan ka dingwaga tsa bo-1970 jaaka ditshelwa go oketsa bofutafuta jwa tshedinnyennye jwa tikologo-tshelo ya mmu, mme di ka tokafatsa tiriso ya ditswatsheding mo mmung. Ke motswako wa di-microbe tsa mmu tse di dipoelo go tokafatsa boleng jwa mmu, kgolô le ntshô ya dijalo mme di gaswa mo mmung, dijalong le mo mmuteleng tota ga mmogo le mo mafelong a go tsholwang leruo mo go ona.

Translated by Nchema Rapoo