Ditlhokegô tsa Magaeng mo Temôwatleng
Histori ya Temôwatle ya Magaeng mo Afrika
Mo botharing jwa paka ya bokoloniale ka dingwaga tsa bo-1960, bolaodi mo dinageng di le di ntsi tsa Afrika bo lekile go rotloetsa temôwatle ya magaeng, segolo thata ya ditshidi tsa tilapia. Ka nako eo, temô ya kgwebo ya tilapia e ne e santse e fatlhoga, ka jalo ditokafatso tsa bomadi le ditlhapinnye tsa bong bo le nosi di ne di ise di itsiwe. Go retela go go anameng ga maitlhomo ano le dithuto tse di ithutilweng gotswa mo go reteleng gono di bopile motheo wa dikokotsego tse di magoletsa mo temông ya tilapia mo dingwageng di le 25 tse di satswang go feta go bophara jwa lefatshe.
Go tsenngwa ga Oreochromis mossambicus (Mozambique tilapia) kwa Indonesia ka motsi wa Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe ke baJapane go rotloeditse tiriso e e anameng ga ditshidi tse. Ka maswabi, go se nne matshwanedi ga yona go ne ga bonagala mo bogautshwaneng. Mabaka a go sa nne matshwanedi ga Mozambique tilapia a akaretsa:
Kgolô e e bonya
Tsadiso e e boitshegang
Sebopego sa mmele se se bokoa le ntshô ya nama e e kwa tlase
Twantsho-malwetse e e kwa tlase
Ka dingwaga tsa bo-1980 O. niloticus (Nile tilapia) e ntse sona fela setshedi sa kgwebo. Lenaane la GIFT – lenaane la tsadisano le le tlhophang la ‘Genetically Improved Farmed Tilapia’ - le ne la tlhangwa kwa Philippines mme la baya seêlô-bokgoni sa fingerlings tsa boleng jo bo kwa godimo, tse ga jaana di diriswang lefatshe ka bophara.
Dithulaganyo-Temô tsa Tilapia – Temô ya Hôkô
Tilapia e ka tlhagiswa ka dithulaganyo tse di farologaneng. Temô ya hôkô mo matsheng a magolo e diriswa ka go anama kwa matsheng a Kariba, Victoria le Volta, ga mmogo le kwa Nokeng ya Nile. Fela, tilapia mo dithulaganyong tsa temô ya hôkô e ikaegile ka gotlhe mo difeping tsa maitirelo tse di di tlhwatlhwa-godimo. Maêmô a boleng jwa metsi a tshwanetse go isa kwa kgolông e e magoletsa mo pakeng ya nako e khutshwane ka mo go kgonagalang gore go bonwe katlego ya moruo.
Tlhwatlhwa ya sefepi sa tilapia ke tsenyô e e botlhokwa mme madirelo a temô ya hôkô ya tilapia ke diprojeke tse di kopanetsweng tsa dipeeletso tsa kgwebo tsa seêmô se se kwa godimo, mme ga di a tshwanela temôwatle ya morafe ya metse-selegaeng.
Dithulaganyo-Temô tsa Tilapia - Recirculating Aquaculture Systems
RAS (re-circulating aquaculture systems) gantsi e bapatswa jaaka mokgwa wa temôwatle wa isago. Seêlô sa metsi a a diriswang se lekanyeditswe mme taolô ya tikologo mo dithulaganyong tseno e kwa godimo. Fela, dithulaganyo tseno di dira ka monontlhotlho mo mafelong a a gaufi le toropo e e gaufi le mebaraka, ka jalo seno se dira gore katlego ya morou ya RAS kwa metse selegaeng e nne matsapa.
Matshosetsi a tatlhegelô ya leruo lotlhe a kwa godimo, segolo thata ka ge dithulaganyo tseno di ikaegile ka go nna teng ga motlakase diura tsotlhe. Seno ka jalo se tlhoka thuso-motlakase e e itaolong e e tlhwatlhwa-godimo, di-spare le bodirelo jwa setegeniki jo bo nang le bokgoni; tseno tsotlhe ke mabaka a a bosula go ditikologo kgotsa merafe e e kgakala ya kwa metse-selegaeng.
Dithulaganyo-Temô tsa Tilapia – Temô ya Lekadiba la Mo Mmung
Merafe ya kwa magaeng gantsi e kgakala le metswedi e e ikanyegang ya motlakase. Ka jalo dithulaganyo tsa temôwatle di tshwanetse go tshwanela tlamelo-maatla le dielô tsa bokgoni tse di leng teng. Mo Borwa jwa Afrika, merafe eno gantsi e dula kwa mafelong a bogodimo jo bo kwa tlase kgotsa mo dikgaolong tsa metswedi ya metsi e e namatshang. Mabaka ano ka bobedi ke dilo tse di tshegetsang temô ya lekadiba la mo mmung ya ditlhapi, segolo thata bolemirui jwa tilapia.
Matamo a nosetsô, le fa a se matshwanedi jaaka ditlabakelo tsa temôwatle, a ka neelana ka metsi a bontsi go makadiba pele a dirisetswa nosetsô. Go bewa ga diprojeke tsa bolemirui jwa tilapia go ya tlase le matamo a a jalo kgotsa go ikala le mesele ya nosetsô go a rotloetswa.
Ditlhokegô tsa bokgoni mo temông-tlhapi ya lekadiba la mo mmung di ithutwa bonolo mme ga di tlhoke seêlô se se matswakabele le bokgoni tse di tlhokwang ke RAS. Temô ya lekadiba la mo mmung e siametse merafe ya kwa magaeng kwa bokgoni jo bo jalo bo seng teng mo nakong e.
Translated by Nchema Rapoo