Ditlha tsa Abokado

© Photo courtesy of the California Avocado Commission

Diabokado mo Aforika Borwa ke maungo a mariga, di ntshwakuno mo mafelong a a bongola a boboatsatsi fatshe a naga, bogolo segolo mo diporofenseng tsa Limpopo le Mpumalanga.

Kwa tshimologong, go ne go na le mefuta e meraro ya diafokado mo mafelong a mararo a a farologaneng a ntshokuno ya afokado. Ditlhare tse di masisi mo segagangng tsa India-Bophirima e e ntshitsweng kuno mo mafelong-tlase a Amerika Bogare a a kolobileng a boboatsatsi, fa mefuta ya diafokado tsa se-Mexico di itlwaetsa thata mo go dithempheretšha tsa maemo a a anameng a a feteletseng, a a tsiditsana, a a ntseng kwa godimo a boboatsatsi a a ntseng kwa godimo. Diafokado tsa kwa Guatemala tsa mofuta wa boraro, di rata maemo a a tsiditsana, a boboatsatsi a botsamao bo bonnye ba temepheretšha e e feteletseng.

Ditlhare tsa ‘segompieno’ tse di jaaka Fuerte, e e itsegeng ka mo Aforika Borwa. Di ntshitswekuno tsa tlhakantsho tsa mefuta ya tlhago ya tshimologo ya afokado. Mo kgetseng ya Fuerte, magareng ga ya kwa Guatemala le ya kwa Mexico, ge letla setlhare go jalwa mo maemong a bosa a tsamao ya thempheretšha e e anameng e e fetang mofuta wa kwa Guatemala.

Setlha sa Thobo sa Abokhado

©Chris Wessels Photography

Nako ya go roba abokado e ikaegile mo kgaolong ya maemo a bosa le setlhare. Mo Aforika Borwa, bontsi jwa diabokado di ntshiwakuno ka Mopitlwe go ya go Lwetse, go ya ka kgaolo ya ntshokuno le setlhare se se ka oketsang setlha go tloga ka Tlhakole go ya ka Ngwanatsele.

Sekao, abokado ya Fuerte e robiwa go tloga ka Tlhakole go ya ka Moranang mo toropong ya Levubu kwa kgole mo porofenseng ya Limpopo. Le fa go ntse jalo, e ka topiwa go tswa mo go Phatwe ka mo dikarolong tsa borwa kwa profenseng ya KwaZulu-Natala. Fuerte gape ke abokado ya pele go feta.

Nngwe ya ditlhare tsa sešweng ke Ryan, e e ka robiwang go fitlha morago ka Diphalane go tswa kwa dipolaseng tsa kwa KwaZulu-Natala. Ditlhare tse dingwe tsa kwa morago ke Lamb Hass, e e leng setlhare sa morago jaana, gammogo le Reed e sediko a kgolo, Carmen-Hass le Gem.

Ka ntlha ya setlha se se lekanyeditsweng sa go nna teng ga diabokado mo Aforika Borwa, bantshakuno ba bantsi ba poraefete ba tlhabolotse ditlhare go oketsa setlha sa kuno. Dikao di le pedi di akaretsa GEM, e e robiwang morago ga dibeke tse nne morago go feta Hass, le Carmen-Hass, abokado e e butswang go sa le gale, e e robiwang dibeke di le nne pele ga Hass.

Translated by Lawrence Ndou