Dirisa Pelargonium Sidoides mo Mofikeleng

© Peganum
More o monnye o o tshelang sebaka se se telele, ka medi e e segwere, maina a a tlwaelegileng a Pelargonium sidoides a akaretsa black pelargonium, ‘kalwerbossie’ and ‘rooi rabas’ (SeAfrikaans) rabassamin and ‘umckaloabo’ (SeZulu). E na le matlhare a a monkgonyana ale borethe le dithunya tse di ntsho mme ke semela sa kalafo se se itsagaleng thata mo Afrika Borwa. E bontshitswe fa e kgona go alafa ka pabalasego le manontlhotlho ditshwaetsego tsa mafatlha tse di jaaka bronchitis, tonsillopharyngitis, sinusitis le mofikela o o tlwaelegileng.
P. sidoides e rekisitswe lantlha ke Charles Henry Stevens kwa Britain ka 1897 jaaka kalafi ya TB. E ne e itsagale jaaka “Stevens’ Cure”, fela e ne ya latlhegelwa ke tumô morago ga go dirwa ga dibolaya-megare tsa khemikhale. Le fa go le jalo, dipatlisiso tse di farologaneng di netefaditse tiragatso ya P. sidoides ya bobolaya-megare.
E ka dirisetswa gape go alafa ditshwaetsano tse di jaaka mogotlhwane, letshoromo, kgokgotso e e botlhoko, ga mmogo le letsapa le bokoa. Metsi a go bediseditsweng segwere mo go ona a diriswa go alafa dysentery le letshololo. Digamolwa tsa Ethanolic di diriswa mo morianeng o o tlotlegang o o bitswang Umkaloabo™. Metsi a se bediseditsweng mo go ona a diriswa goya ka setso. Semela ka setso se diriswa ke baZulu go alafa gonorrhoea, letshololo le dysentery.
Kotulo e akaretsa go epolola medi ya rhizomes (dikalana tse di rapaletseng tsa ka fa tlase ga lefatshe) mme e segelelwe le go omiswa. Mo Afrika Borwa, Pelargonium sidoides e mela kwa dipoforenseng tsa Kapa Botlhaba (e fela kwa kgaolong ya Amathole), Free State le Gauteng. E mediswa gotswa mo mesegông mme e mela mo mebung ya alkaline e e tswang metsi sentle, kwa ntlheng ya letsatsi.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo