Dilo tse o Tshwanetse go di Akanyetsa mo Moagông wa Dikolobe

©Dr Jim Robinson
Dikolobe di tshwanetse go agelelwa kgotsa bonnye di kampelelwe go di sireletsa kgatlhanong le malwetse, metlhampepe, bogodu le ditlhasedi, le gape go di thibela go senya dimela le ditshimo, go anamisa malwetse kgotsa go tshaba le go timela. Moagô o o siameng o tlile gape go tokafatsa go repa ga phologolo, go fokotsa kgatelelô-tlhaloganyo, mme seno kwa morago se bake dikolobe tse di itekanetseng.

©Glenneis Kriel
Pele o ka beela madi mo bodirelong, jo goya ka buka ya ga Danie Visser ya Modern Pig Production go ka jang madi a a fetang a ntlo e ntšhwa e e tlwaelegileng mo Afrika Borwa ga masome a mabedi tlhano, South African Pork Producers Organisation (SAPPO) e gakolola balemirui go akanyetsa tse di latelang mo bukaneng-kaedi ya yona ya balemirui ba dikolobe ba ba fatlhogang:

©Glenneis Kriel
Tlhwatlhwa: Dikagô tsa sešweng di tlhwatlhwa-godimo thata, ka jalo go ka nna botoka gore o simolole ka dikolobe di le mmalwa go inetefaletsa gore o tota o tlile go tsena mo kgwebong paka e telele pele o dira peeletso e kgolo jalo. Fa o beeletsa, tlhwatlhwa ya kagô le ya tlhagiso di tshwanetse go ka akanyetswa go netefatsa fa kgwebo e tlile go tswelapela. Go mosola go golagana le moitseanape go go thusa ka thulaganyo ya kgwebo.
Ditlamelwana tsa kagô: Dikolobe di ka nna basenyi, ka jalo tlhopha ditlamelwana tsa kagô, tse di jaaka tshipi le semente tse di tlileng go kgotlhelela sebaka.

©Dr Jim Robinson
Thibelo-Ngweego: Mabotana kgotsa difense di tshwanetse go ka epelwa mo mmung le go tiiswa kwa dithitong go thibela dikolobe go ka ngweega, ka ge ele bafati ba ba manontlhotlho, gape le go tshola ditshosetsi tse di jaaka magotlo, metlhampepe le ditlhasedi di le kwa ntle.
Lefelo-Tshireletso: Kagô e tshwanetse go rebola moriti o o lekaneng, le lefelo-itshireletso kgatlhanong le pula le diphefo tse di tsididi.
Phepafatso-bonolo: Go tshwanetse go nna bonolo go phepafatsa kagô mme bodilo jwa yona bo tshwanetse ka keletso bo nne thata le go kgokologela kwa letlhakoreng go se nene gore metsi a tswe bonolo. Hôkô ya kwa ntle e tshwanetse go nna kgolo mme bodilo bo monyele mo go lekaneng go thibela go tama ga metsi. (Seno ga se reye gore dikolobe ga di a tshwanela go ipitika mo seretseng se se phepa.)

©Dr Jim Robinson
Kelomowa: Dikagô tse di tswalegileng di tshwanetse go agwa gore di letle kelomowa e e siameng, e e tlileng go thibela mathata a khemo. Dikagô tse di seng tlhwatlhwa-godimo di dirisa kelomowa ya tlhagô, fa dikagô tse di matswakabele le tlhwatlhwa-godimo di dirisa technology ya taolô-bosa.
Lefelo le le bulegile: Kolobe nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le lefelo le le bulegileng gore e phuthologe. Goya ka khouto ya loago, dikolobe tse di bewang ka mo gare ga kagô, di tshwanetse go fitlhelela bonnye square meter sele nosi go 100kg nngwe le nngwe ya bokete jwa mmele. Dikolobe tsa kwa ntle di tlile go tlhoka lefelo le le fetang fao, ka bonnye 15 square meter go nngwe le nngwe. Go kgobelana go tlile go baka dintwa, go lomana megatla le kgolô e e bokoa. Ka lefelo le le lekaneng, dikolobe di tlile go tlhopha karolo ya boithusetso kgakala le karolo e di robalang mo go yona, mme seno se tlogele bogolo jwa karolo ya bodilo bo omile bo le phepa.
Tshireletsego: Ga go a tshwanela go nna le dilo tse di tlhabang kgotsa dipekere tse di tlhageletseng tse di ka gobatsang dikolobe, mme bodilo ga bo a tshwanela go nna mareledi. Kagô gape e tshwanetse go agwa gore go efogwe dikotsi tse di sa tlhokegeng.
Matseno: Go tshwanetse go nna le heke kgotsa lebati mo hôkông nngwe le nngwe, go letlelela motsamao o o bonolo wa dikolobe le wa batho go tsena le gotswa mo dihôkông.

Translated by Nchema Rapoo