Dijalo tsa Selemo mo Afrika Borwa

© Louise Brodie

Dijalo tsa selemo tse di botlhokwa thata ke mmidi, soybeans, sonobolomo, matônkômane le mabele.

Mmidi

©Louise Brodie

Mmidi ke nngwe ya dijalo tsa selemo tse di botlhokwa thata tse di tlhagisiwang mo Afrika Borwa, ka ge mmidi o mosweu ele nngwe ya dijotlwaelo tse di kgolo fa mmidi o o serolwana ele motswedi wa maatla o mogolo mo difeping tse di diriswang mo thuônong le tlhagiso ya ditsa-maswi. 

Ka fa tlase ga maêmô a a tlwaelegileng a bosa, mmidi o o bontsi jo bo lekaneng o a tlhagisiwa go samagana le tlhokô ya selegae mme masaledi a romelwa kwa dinageng tse dingwe tsa Afrika, tse di jaaka Zimbabwe, Zambia, Mozambique le Angola, ga mmogo le kwa dinageng tse dingwe tse di jaaka Japan, Iran, Kenya le Venezuela. 

Bogolo jwa mmidi wa Afrika Borwa bo tlhagisiwa kwa kgaolong ya tshologo-pula ya selemo, mme Free State gantsi e ntsha halofo ya palogotlhe ya dielô tse di tlhagisiwang, go ikaegile ka maêmô a bosa le a mmaraka, e selwa morago ke Bokone-Bophirima le Mpumalanga. Gauteng le KwaZulu-Natal le tsona di tlhagisa dielô tse di bonalang. 

Soybeans

©Courtesy of National Pork Board and the Pork Checkoff. Des Moines, IA USA

Afrika Borwa e reka-ntle dielô tse di kgolo tsa soybean cake ngwaga le ngwaga go samagana le tlhokô ya sefepi sa diphologolo, e e kgarameditsweng ke tlhokô e e golang ya dijo tse di nang le protein e e kwa godimo gotswa thata kwa bathong ba botshelo jwa seêmô-magareng ba naga. 

Tlhagiso e oketsegile ka bomagareng jwa 15% goya go 20% ka ngwaga magareng ga 2009 le 2019 ele tsibogo go dipeeletsô tse di bonalang mo bokgoning jwa go thuga soybean mo nageng, goya ka Bureau for Food and Agriculture Policy, mme go solofelwa fa e tlile go tswelela go gola ka 2.9% ka ngwaga go fitlhelela diheketara di le dikete di le 962 ka 2027.

Dielô tse potlana di tlhagisiwa go ralala naga, ka mokoa wa tsona gotswa kwa Free State le Mpumalanga kwa kgaolong ya tshologo-pula ya selemo. 

Sonobolomo

©Louise Brodie

Disonobolomo ke mengwe ya metswedi e megolo ya oli e e jegang, fa oil cake e diriswa jaaka motswedi wa protein mo difeping tsa leruo. Grain SA e e tlhalosa jaaka sejalo-tikoloso se se manontlhotlho, ka bokgoni jwa go gola mo mebung e e mo tlhakoreng le go itshokela segagane sa go sale gale. Gape e na le setlha sa kgolo se se khutshwanyane mo go sa mmidi, ka jalo e ka jalwa tharinyana fa go tlhokega ka motsi wa maêmô a bosa a a bokoa.    

Ka bogolo e lengwa kwa kgaolong ya tshologo-pula ya selemo, ka dielô tse kgolo go gaisa gotswa kwa Free State, mme e selwe morago ke Bokone-Bophirima le Limpopo. Ga go na sonobolomo e e tlhagisiwa jalo kwa Kapa Bophirima le KwaZulu-Natal. 

Matônkômane

Afrika Borwa ke moromela-ntle yo mogolo wa matônkômane, fela ngwaga le ngwaga re santse re reka-ntle ka bontsi jo re romelang ntle ka bona. Oli e e dirwang gotswa mo matônkômaneng e ka dirisetswa go apaya, go dira peanut butter kgotsa didiriswa tsa phepafatso, fa oil cake e diriswa mo difeping tsa diphologolo, menontsha, dilwantsha-megare kgotsa go dira sekgomaretsi.  

Matônkômane ke motswedi o o botlhokwa wa dikotla kwa KwaZulu-Natal le Mpumalanga. A tlhagisiwa thata kwa dikarolong tse di kwa bophirima tsa kgaolo ya tshologo-pula ya selemo, mme bogolo jwa tlhagiso bo tswa kwa Free State le Bokone-Bophirima. 

Go feta tharo-nneng ya tlhagiso go mo lefatsheng le le omeletseng ka ntlha ya tlhwatlhwa e e kwa godimo ya nosetso. Dielô tse di nnye di tlhagisiwa gape kwa Kapa Bokone le Limpopo. 

Mabele

©Grain SA

Dithemphoritšhara tse di tlhatlhogang di tsosolotse kgatlhego mo tlhagisong ya mabele, ka ntlha ya nonofo, boitshokela-komelelô le tlhokô-metsi e e kwa tlase tsa sejalo seno fa go bapisiwa le mmidi. Mabele a na le ditiriso di le di ntsi jaaka sejo le senô, ka dipoêlô-dikotla tse di tshwanang thata le tsa dithoro tse dingwe. 

Bogolo jwa mabele a Afrika Borwa bo tlhagiswa mo kgaolong ya tshologo-pula ya selemo, mme Limpopo e tshotse go ka nna halofo ya palogotlhe ya kgaolo-tlhagiso. Dielô tse kgolo di tlhagiswa gape kwa Bokone-Bophirima, Free State le Mpumalanga. 

Dinawa tse di Omeletseng

Afrika Borwa ga e tlhagise dinawa tse di omeletseng mo go lekaneng go samagana le tlhokô ya selegae. Bontsi jo bogolo ka jalo bo rekwa-ntle, segolobogolo gotswa kwa China, ngwaga le ngwaga. Menawa eno ga se fela motswedi o o manontlhotlho wa protein le fibre mme ka jalo e lejwa jaaka seemedi sa nama, fela gape ke sejalo-tikoloso se se ntle se se thusang balemirui go tokafatsa boitekanelo jwa mmu le go kabakanya tlhagiso le matshosetsi a mmaraka. 

Dinawa tse di omeletseng di tlhagisiwa go ralala naga, mme mokoa wa tsona o tswa kwa Free State, Bokone-Bophirima, Limpopo le Mpumalanga kwa kgaolong ya tshologo-pula ya selemo. 

Translated by Nchema Rapoo