Damask Rose Oil

© Highlands Essential Oils
Damask rose oil, e bidiwa Rose Damascena oil ka tshwanno.
Rosa damascena e tlholega kwa Middle East, mme e bonala kwa Turkey le Iran. E lemiwa ka bontsi kwa bogareng jwa Bulgaria. Rose oil, e ntse e dirisiwa sebaka sa disenturi dile dintsi, go phekola malwetse aa tshwana le go gotlhola, gothibana ga mafatlha le gofisa ga mmele kgotsa febere. E dirisiwa gape mo indastering ya dinkgisa monate, ditlotsa mmele le dicosmetiki tse dintsi.
Poelo (beneficiation) ya Oli e, e ka bonwang e ikantse maemo a a farologaneng, jaaka maemo a loapi, kgotsa climate, paka ya kotulo (harvesting season), maemo a dithunya tsa sejalo, le tsela e e dirisiwang, go ka tlhotlha oli eo mo go yone. Kwa magareng a nako ya thobo, balemi ba ka bona kotulo e e kwa godimo, go feta kwa kotulo ya kwa tsimologong ya paka ya kotulo. Ga maemo a bolepi a le bonolo, kotulo e ka oketsega.
Oli ya Rose oil e tlhotlhiwa mo sethunyeng (petals), ka tsela ya steam distilation, mme seo, se ntsha oli e e bosetlha ba mmala wa lephutshe. Ga e fola e nna boleta. Dithunya tsa selekano sa 4000kg di ka ntsha oli ya 1kg. Rose Concrete yone, e ka bonwa fa go tlhotlhiwa ka hexane. Seo se ka ntsha selekano sa 1kg ya conrete ka sithunya tsa selekano sa 350kg. Rose leaf concrete le yone, e ka bonwa mo prossesseng eo.
Oli ya Rose Oil e na le dikotla tsa divitamini, diminerale, di-antioxidant le di-anti-inflammatory, e bile e siametse mefuta yotlhe ya matlalo. Go akaretsa le batho ba letlalo lelephatsimang kgotsa le lenang le oli e ntsi (oily skin). E kgona go fokotsa boshibidu ba letlalo e bile e thusa kgatlhanong le komelelo ya letlalo (moisturiser). Go ntse go le jalo rose oil e kgona gape le gophekola “psoriasis” le dintho. Fa rose oil e dirisiwa ka “hot or cold compression” e kgona go fokotsa go ruruga, go kokobatsa matlhoko a mesifa le matlhoko a bona setswalo (menstrual pains).
Oli e, e direlwa kwa Clocolan mo profinsing ya Free State, le kwa Hogsback mo profinsing ya Kapa Botlhaba. Rose Damascena e ata ka bontsi kwa mafelong aa bonang dipula tse dintsi le kwa mafelong maem a a phodileng a bolepi ka ga rosa e e tlhoka serame sa mariga go ka thuna. Balemi ba yone ba bona thobo e le nngwe fela ka ngwaga ka gonne paka ya kotulo e le khutshwane.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Ikalafeng Maedi