Cinsaut

© Glenneis Kriel

Thanololô

Cinsaut noir ke mofuta wa terebe ya mofeine o gantsi o dirisetswang go tlhagisa mefeine e mehibidu le ya mmala wa letlapi la terebe, fela gape le di-brandy le port. Dipatlisiso tsa DNA di kaya fa e ka nna letlhogela la Rivairenc. Boitshupo jwa motsadi o mongwe wa yona ga bo a totobala.

Tlholego

Cinsaut noir ke mofuta wa kwa Mediterranean. O ntse o tlhagiswa kwa borwa jwa France, segolobogolo kwa kgaolong ya Languedoc-Rousillon, e sale ka dingwaga-gare tsa bo1600, gantsi jaaka terebe e e tswakiwang.

Maina A Mangwe

E na le maina a mangwe a a farologaneng, Cinsaut ke leina le lengwe la yona le le tlwaelegileng thata. E ne e itsagale ka Hermitage mo Afrika Borwa, go fitlha fa Ngaka Abraham Izak Perold wa Stellenbosch University ka 1977 a ne a supa gore ke mofuta o o tshwanang le Cinsaut noir wa kwa borwa jwa France.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Mofuta ono o ntse o tlhagiswa mo Afrika Borwa ga e sale ka dingwaga tsa bo1850 mme wa nna mokokotlo wa madirelo a mofeine go fitlha ka dingwaga tsa bo1960 ka ntlha ya bokgoni jwa ona jwa go tlhagisa ntshô e e kwa godimo. Kwa tshimologong, o ne o dirisetswa go tlhagisa mefeine e e tswang ka bontsi, fela morago le go tlhagisa gape metswako ya maemo a a kwa godimo ya Afrika Borwa.

E ne e le mofuta o mohibidu o o neng o jalwa thata nako e telele, ka bontsi jo bo fetang thataro ya merara e e jadilweng ya mefuta e le merataro e e kwa godimo ya mofeine o mohibidu ka 1976. Mofuta ono le fa go le jalo o ne wa latlhegelwa ke tumo ka dingwaga tsa bo1990 fa bajadi ba ne ba simolola go tsepamisa tlhaloganyo mo tlhagisong ya mefeine ya boleng jo bo kwa godimo, mme seno sa baka gore Cabernet Sauvignon, Shiraz le Pinotage di folose Cinsaut noir mo maemong a yona a go nna mofuta o o jalwang ka go feta.

Mofuta ono o itumeletse kgatlego e e ntšhafaditsweng mo dingwageng di le mmalwa tse di sa tswang go feta jaaka lotso lo loša la bajadi lo simolola go lekeletsa mekgwa le ditsela tse di ša tsa go tlhagisa mefeine ya Cinsaut, go bontsha gore mofuta ono o na le bokgoni jwa go tlhagisa mefeine e e siameng fa taolo e le e e siameng.

Fela kgaolo ya ntshô-tlhagiso e tsweletse go ya tlase, mme Cinsaut gompieno e emetse fela kwa tlase ga diphesente di le pedi tsa kgaolo yotlhe ya ntshô-tlhagiso ya terebe ya mofeine. Ka 1925, o ne wa kopanywa le Pinot Noir go tlhagisa mofuta wa nnete wa Afrika Borwa, Pinotage.

Dikgaolo Tsa Ntshô-Tlhagiso

Paarl le Breedekloof di na le bogolo jwa kgaolo ya ntshô-tlhagiso ya Cinsaut noir mme di selwe morago ke Swartland, kwa e theilweng “Pinot noir” ya kgaolo ka ntlha ya mefeine ya boleng jo bo siameng e e tlhagiswang kwa teng.

Kgolô

Mofuta onô o gola ka nonofô ka mokgwa wa go nanabela mme matlhôgêla a masesane. E ka tlhagiswa mo morulaganyong wa trellis kgotsa jaaka morara wa sekgwa. E kgona go ntsha ntshô-tlhagiso e e kwa godimo, e e farologanang mo gare ga 16t/ha go ya go 20t/ha, fela ntshô e tshwanetse go lekanyediwa fa maikaelelo e le go tlhagisa mefeine ya boleng jo bo kwa godimo.

Go Butswa

Diterebe di butswa mo gare ga setlha, go simolola ka seripa sa ntlha sa Mopitlwe.

Meretlwa

Meretlwa e mekima go meretlwa ya mefuta e mengwe ya diterebe tse khibidu. E na le mmala wa loapi o o tseneletseng fa e tlhagiswa mo maemong a a nonneng mme e fifale, go ya kwa bontshong, fa e tlhagiswa mo maemong a a sa nonofang thata. Letlapi le lekima ebile le tiile, fa leungokobolwa le le matute.

Matlhare

©Glenneis Kriel
Matlhare a kgolokwe, ka ditsebe tse tlhano mme a mmala wa botala jo botalanyana go ya go botala jo bo mo magareng.

Disenyi le Malwetse

Mofuta ono o tshaba go fiswa ke letsatsi fa bongôla jo bo kwa godimo bo ka dira gore meretlwa e phanye.

Tirisô

Mofuta ono o dirisetswa go tlhagisa mefeine ya mofuta-nosi, fela gantsi o dirisetswa go tsenya boleta le tshôbotsi mo metswakong, jaaka Carignan, Shiraz le Grenache.

Tatsô

Mofuta ono o tlhagisa mefeine ya menkgô e e boleta ya leungo e e farologaneng, go tswa go leungo la mo matlapeng go ya go meretlwa le digarenata. Mefeine e siametse go nowa mo bošeng jwa yona.Translated by Nchema Rapoo