Borekhu bo Bokima

©Glenneis Kriel

Borekhu bo bokima ke ba tlholego kwa Asia, Amerika Bokone, le Yuropa. Di ne di ntse di itumelelwa kwa Geriki ka dinako tsa bogologolo. Kgosi Edward wa ntlha e ne e le wa ntlha wa go ikuelela go jalwa ga borekhu bo, ya feleletsa mo dirapaneng tsa ba Bithane di tletse ka ditlhare tsa rsaberry ka ngwagakgolo wa bo 13. Mo ngwagakgolong wa 18, ntshokuno e ne ya godisiwa go ya kwa Yuropa yotlhe.

Borekhu bo bokima bo ne bo tsewa jaaka dijo tsa bogosi nako a telele, jaaka fela ba ba humileng ba ne ba kgona borekhu bo bo sa tlwaelegang. Ka Metlhagare, go ne go setse go na le ditiriso jtse dintsi boitekanelo jaaka kalafi, molemo, gammogo le semalafatsi.

Borekhu ba ditiriso di le dintsi bo ne bo tsere leina la yona go tswa mo go veine ya monko wa rosa e e botshe e e bidiwang raspeys. Go dumelwa gore lefoko le ‘raspoie’ e kaya bokima, kgotsa lefoko la Seesemane ‘rasp’ - ka go lebisa kwa bogodimong ba borekhu, e ka nna e nnile le tshusumetso ya leina la borekhu jaaka fa re bo itse ga jaana.

Ntshokuno ya Boditšhabatšhaba

Ntshokuno ya boditšhabatšhaba e batlile go nna gabedi fa e sa le ka 2007, ka ntlha ya badirisi ba nna kelotlhoko ya tsa boitekanelo mme borekhu bo bokima bo jewa jaaka dijo tse di botlhokwa thata. Bantshakuno ba bogolo go gaisa, jaaka go begilwe ke International Raspberry Organisation ke Poland, Serbia, Chile le China.

Poland e na le diheketara tse di ka fa tlase ga ntshokuno di le 26 000 ka ngwaga wa 2016, ditone di le 120 000 tsa borekhu ka tone ya borekhu e leng 4.5 ka heketara, mme Serbia e na le 15 000 ka heketara ka fa tlase ga ntshokuno e e leng ditone tse di 110 000  tsa borekhu ka 5.6 ya ditone ka heketara. Ka 2019, China e ne na le 15 000 ya dihektare tse di ntshitseng diheketara tse 75 000 tsa ditone tsa borekhu tse di ka nnang ditine tse 5 ka heketara. Chile e ne e na le 9 000 ya diheketara tse di ka fa tlase ga go uma ditone tse 36 000 tsa borekhu ka diheketara tse 4.

Mokgatlhpo wa Dinaga tse di Kopaneng, e e leng gape motshameki o mogolo, o ne a o na le 4 200 ya dihektare ka fa tlase ga ntshokuno ka 2018, e e ntshitseng kuno ditone di le 48 000 ka tekanyetso ya diton di le 11 tsa borekhu mo e ka nnang ditone ka heketara. Bontsi jwa borekhu bo bo ntshitswe kuno kwa California.

Ntshokuno ya Selegae

©Glenneis Kriel

Fa ntshokuno e ntse e gola mo Aforika Borwa, intaseteri e sa ntse e le e nnye ka bonnye fela jwa bantshakuno ba ba fetang 8% ya go uma, fa e se go feta. Go na le mabaka a a farologaneng ka ga se. Lebaka le le lengwe ke gore dijalo ke tse di tlhaelang mme go thata go di bona. Ntshokuno ke tiro e e tseneletseng gape e tlhoka mafaratlhatlha a go tsidifatsa a theko go laola morago ga go roba. Leungo gape le senyega bonolo mme le na le botshelo bo bokhutswane ba šelofo.

Ntshokuno

©Glenneis Kriel

Kuno gantsi e direga kwa Kapa Bophirima le Foreisetata. Borekhu bo bokima gantsi bo nsthiwakuno mo mebung e e boteng, boserokwa bo bo gamotsweng sentle kgotsa motlhaba - boserokwa le dibodi tse di kwa godimo. 

Dipoelo tse di kwa godimo di rotloeditse bantshakuno kwa dinageng tse dingwe go godisa borekhu ka fa tlase ga tshireletso, jaaka matloa a moriti kgotsa dikgogometso. Gore seno se tla nna tlhopho e e siameng mo Aforika Borwa, go tla ikaega mo ditshenyegelong tsa mafaratlhatlha le ditshenyegelo tsa taolo ya maemo a bosa.

Setlha sa Ntshokuno

©Glenneis Kriel

Ditlhagisi tsa selemo di na le maikarabelo a a kwa godimo a tlhokego ya botsididi go tshwana le diapole le bo ntshakuno ya sejalo se le nosi ka nako ya setlha sa selemo. Di kgona go tswelela mo bontsing jwa dikarolo moo diapole di jalwang.

Ditlhagisis tsa ka letlhabula di tla nna le tlhokego e e kwa tlase ya botsididi, e ntsha dijalo ka tshimologo ya selemo le gape ka mafelelo a selemo go wa. Di tshwanetse dikgaolo tsa boboatsatsi.

Mefuta e e Farologaneng

Mefutafuta e mentsi e jetswe, segolo, go ya fela ka tshiamelo ya mefuta e e rileng ya go go ntshakuno mo kgaolong e e riling mme le mmaraka o pateletsa mofuta o o farologaneng. Batlhagisi ba bagolo ba letlhabula ke Glen Prosen, Glen Lyon le Tulameen, mme batlhagisi ba bagolo ba letlhabula ke Heritage le Autumn bliss.

Go ya fela ka mofuta, borekhu bo bokima bo tla ka bohibidu, bontsho, boserolwane le boperese, le borekhu bo bokima ba mmala o bohibidu le boserolwane bo bo leng ba miofuta o o tshwanang le go bba e e bothata go di feta tsotlhe. Borekhu bo bontsho bo wela ka fa tlase ga mefuta e e farologaneng. Ka kakaretso ga di kgotlelelo botsididi sentle e na le peo go feta mefuta e mehibidu. Mefuta e e perese ke e godimo ka sejalo se se tlhamilweng ka fa tlase ga sefapano le borekhu bo bokima bo bohibidu.

Go tsidifatsa le maemo a go gola le tsona di na le tshusumetso mo mmaleng. Ka 2019, borekhu bo bokima bo ne bo ratwa ke badirisi ke bohibidu bo bo tseneletseng kgtsa bopinki bo bo batlang bo nna borekhu ba mmala wa namune.

Thekiso

©Glenneis Kriel

Tlhokego ya selegae le ya boditšhabatšhaba ba borekhu bo bokima bo setse bo bontshitse kgolo ka tlhomamo mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng. Bontsi jwa borekhu bo bokima ba Aforika Borwa bo romelwa ntle, bo bo ka nnang 80% ba borekhu bo lebisitswe go ya kwa United Kingdom. 20% e e salang e romelwa kwa Botlhabagare le Kitlano ya Yuropa.

Ditiriso

Borekhu bo bokima bo tshwailwe e le dijo tse do kwa godimo ka gonne di tletse diphepafatso, e humile ka tlhale le go nna le maemo a a kwa godimo a bithamine A le C. Gape ga di na kholesterole le go nna le dikotla, tse go rilweng gore di thibela ka go nona ka go oketsa tiro ya ensaeme le okosijene.

Borekhu ba bokima bo itumeletswe jaaka maungo a a foreše e bile bo a diragadiwa ka mo diphuting, matute, diyokate, dino, dithate, diteye, le dijamo.

Translated by Lawrence Ndou