Bolemirui jwa Tilapia mo Afrika Borwa

© Marinda Louw

Goya ka South Africa’s Department of Agriculture, Forestry and Fisheries’ Aquaculture Yearbook mefuta e megolo ya ditlhapi tsa dijo tse di neng di lengwa mo Afrika Borwa ka 2015 ene ele marine mussels (1 758 tons), e e neng e tsenya seatla go bogolo jwa tlhagiso, mme e selwe morago ke rainbow trout (1497 tons), abalone (1479 tons), tilapia (325 tons), oysters (277 tons) le marron crayfish (4 tons).
E dirisitswe diketekete tsa dingwaga mo temôthuong ya itshidiso, tilapia e godile go nna nngwe ya ditlhagiswa tsa tlhapi di le lesome tse di kwa godimo tse di rategang kwa USA. Lefatshe ka bophara, tilapia ke tlhapi e e lengwang ya bobedi ka go jewa thata morago ga mefuta ya carp, mme tlhagiso ya tilapia e fetile ya trout, fela ga e rekiswe ka tlhwatlhwa e e kwa godimo jaaka trout.

Batlhigisi-bagolo ba tilapia mo lefatsheng ke China, ka tlhagisetso lefatshe e e ka dirang 30%, Egypt, Thailand, Philippines le Indonesia.

Tlhokô ya Tilapia mo Afrika Borwa

Pegelo ya patlisiso ka Urban-Econ ya Industrial Development Corporation of SA (IDC) mo kgonagalong ya tlhagiso, phetolô le ntshetsôntle ya tilapia go mmaraka wa Borwa jwa Afrika ka 2015 e supile fa tlhôkô ya tilapia mo Afrika Borwa ele gautshwane le 1 500 tons. Mo go seno, ke fela 187 tons e e neng e tlamelwa ke batlhagisi ba tilapia ba Afrika Borwa.

Bareki ba kgwebo, ba ba neng ba akaretsa bagwebi ba ba tlotlomatswang, ba go buisanweng le bona fa go dirwa pegelo ba kaile fa tilapia e e tlhagisitsweng mo nageng e ratwa gona le tilapia ya tlhwatlhwa-tlase ya kwa China ka ntlha ya boleng jo bo bokoa jwa dithekontle. Mo godimo ga fao, bareki ba ne ba bona fa tilapia e ka tsena mo boemong jwa hake, e tlhagiso ya yona e wetseng tlase ka 50%. Ka jalo, tlhôkô ya selegae e na le bokgoni jwa go tshegetsa tlhagiso ka bontsi ya tilapia ya selegae mo Afrika Borwa.

Ke Mefuta ya Tilapia efe ya Bolemirui jwa Tlhapi?

Mo mefuteng ya tilapia ele 70 mo lefatsheng, Oreochromis mossambicus (blue kurper kgotsa Mozambican tilapia), Oreochromis niloticus (Nile tilapia) le Oreochromis aureus (blue tilapia) ke yona e megolo ele meraro e e diriswang mo temôthuong ya tilapia lefatshe ka bophara. Dipolase tse dingwe di dirisa gape O. andersoni mo matshwerelong-metsi a tshwenyego e e kwa godimo ya tshomarelotlhagô, go ikala le karolo e e kwa godimo ya Noka ya Zambezi. Tse dingwe di dirisa O. macrochir kwa Bokone-botlhaba jwa Zambia mo lobakeng lo lo rileng.
Nile tilapia le Nile tilapia ya bomadi jo bo tokafaditsweng, goya ka mofuta wa GIFT, di diriswa ke go feta 80% ya balemirui ba tilapia. Ke fela 4% ya tlhagiso ya tilapia e e leng ya Mozambican tilapia, kwa dikarolong tsa USA kwa e lerweng teng dingwagangwaga tse di fetileng.
Goya kwa morago kwa 1983, R.S.V. Pullin mo pegelong ya gagwe ‘Choice of tilapia species for aquaculture’ o tshitshintse gore patlisiso e tshwanetse go tsepamisa kakanyô mo Nile tilapia le tilapia ya mmala wa loapi, eseng Mozambican tilapia ka seêlô sa yona sa kgolô se se bonya.
Mo Afrika Borwa, ga gona tlhaelô ya didiro tse di siameng tsa bomadi, mefuta ya bodiragatsi jo bo kwa godimo, mefuta e e tokafaditsweng ya Nile tilapia, tse di leng teng gotswa go mathuthusetso a e seng a setšhaba.

Go gakololwa gore kelotlhoko e tshwanelwa ke go bewa mo go boneng leruo-tsadiso le le siameng la O.mossambicus kgotsa go dirisa ditlhapi tse di nnye tsa ditona fela gotswa go mathuthusetso a a tlotlomaditsweng. Boleng jo bo bokoa, leruo la tsadisano-gare la tshika e e sa itsiweng, di tshwanelwa ke go tilwa.

Ke Goreng Tilapia e Siametse Temôwatle?

Tilapia e na le tatsô e e tswina e e sa tsenelelang le moutlwalô o o tiileng o o mafofora.
Tilapia e na le dikarolo-boleng di le mmalwa tse di bomolemô tse di siametseng temôwatle. Tsona di akaretsa:
Seêlô se se kwa godimo sa kgolô. Goya ka mofuta, tilapia e ka golela go 450 g mo dikgweding di le robedi.
Monono. Goya ka dingwaga tsa yona, dinamagadi di ka tlhagisa mae a go fitlha go 500 goya 1000 ka ntshô-mae nngwe le nngwe.
E ka falola mo dipakeng tse khutshwane tsa metsi a boleng jo bo bokoa le motseletsele wa themphoritšhara o o atologileng.
E ka dirisa dikotla tsa dimela le diphologolo go bona kgolô.
Nama ya tilapia e tshweu, ke ya boleng jo bo ntle, mme e amogetswe sentle kwa mmarakeng wa marekisetso.
E na le tatsô le moutlwalo tse di bonolo go fetolwa mme e ka diriswa mo ditlhagisweng tsa boleng-tlaleletso.

Translated by Nchema Rapoo