Aquaponics mo Afrika Borwa
Aquaponics ke kopano ya bolemirui jwa tlhapi le mediso ya dimela, tse di jaaka mere le merogo. E na le bokgoni jwa go nna tharabololo ya tlhaelô ya dijo mme e ka dira lotseno go balemirui ba ba ntšhwa mo Afrika Borwa.
Dimela di jalwa ka fa go tshwanang mo dithulaganyong tsa hydroponic le aquaponic ka bobedi, ka ge medi e nna le kamanô le metsi a mantle. Metsi a mantle a tswa mo ditankeng tse tlhapi ya metsi a a foreshe e godisetswang mo go tsona, mme morago ga gore medi ya semela e monyele dikotla le go a tlhotlha, metsi a busetswa mo ditankeng tsa tlhapi.
Methale ya Aquaponics
Se se latelang ke methale kakaretso ya aquaponic:
Aquaponics ya sekamokoro sa metsi a a botengMo thulaganyong e, dimela di jalwa mo sekamokorong sa polystyrene mo boalông jwa metsi jo boteng jwa 30 – 40 cm.
Bomolemô jwa thulaganyo eno ke botlhokaphetogo jwa themphoritšhara ya metsi le pH, fela bokoa e tlile go nna gore setlhotlhi sa botshedi sa tlaleletso se a tlhokagala go thuga ammonia.
Aquaponics segôlê se se tswalegilengThulaganyo eno e itsagale gape jaaka ‘sebopegokakangwa sa maatla a a golang’. Thulaganyo ya aquaponic e dirisa didiro tse di tlhomameng jaaka makgabana a motlhaba kgotsa mealô ya mmopa. Dimela di jalwa mo sedirong se se tlhomameng ka mo gare ga setshodi se se tlhatswang ka metsi gotswa kwa ditankeng tsa temôwatle. Mothale ono o dira bontle go dimela tsa morare tse di jaaka strawberry, ditamati le granadilla.
Aquaponics ya nêêlanôDidiro tse di tlhomameng tse di jaaka makgabana a motlhaba le mealô ya mmopa di diriswa mo setshoding se se tamang ka nako tsotlhe mme se ntshwe metsi fa selekanyô sa metsi se se rileng se fitlhelelwa. Ntshô-metsi e botlhokwa go thibela medi ya semela gore e se nneng ka fa tlase ga metsi ka metlha. Seno gape se thibela go bôla. Ntshô-metsi e tsamaya mo moleng wa mesele, segamoledi-ntle sa tshupanako, se se gogang metsi ka dinako-magareng.
Mothale ono wa aquaponics o itsagale jaaka aquaponics ya ‘tamiso o kgamolo’ kgotsa ‘ebb and drain’. Ke thulaganyo e e siametseng balemirui ba ba fatlhogang ka ge ele bonolo go ka laolwa, mme palo e e kwa godimo ya dimela e ka tlhagiswa. E dira bontle gape go dimela tse di tlhokang tshegetso e ntsi, jaaka ditamati, cucumber le maphutshe.
Dithulaganyo tse dingwe tsa aquaponicsThulaganyo e e tsepameng e bopiwa ke dipeipi tsa polasetiki tse di tsepameng tse di tsenngwang metsi gotswa kwa godimo ka meedi. Dimela di jalwa mo diphatlheng tsa dipeipi.
Mothale wa filimi ya dikotla o na le dikanale le dipeipi tsa polasetiki tsa PVC tse di rapaletseng, jaaka ‘mesele’, ka diphatlha tsa ditshodi. Metsi a elediswa ka go rapalala goya kwa ditshoding tse di kaleditsweng mo ‘meseleng’.
Meteme ya polasetiki ya 200-litre e segwa ka bogare mme e tlatswe ka makgabana a motlhaba kgotsa metsi, a mo go ona go ka kokobalang dikamokoro tsa polystyrene.
Aquaponics go Balemirui ba ba Ntshwa
Dikgonagalo tsa tiriso tsa technology ya aquaponics di motlele. E ka dirwa ka ditsela tse di farologaneng, mme ya direla ditlhokegô tse di farologaneng, go tloga ka tlhagiso ya bogolo jwa lolapa go balemirui ba ba ntšhwa goya go selekanyetso sa kgwebo.
Aquaponics e ka dirwa ka seêlô se se nnye, jaaka mo tshingwaneng ya fa gae go jala ditlhagiso tse di foreshe go fepa lolapa. Carp, tilapia kgotsa catfish di ka diriswa mo tankeng ya ditlhapi ya 500-litre. Mothale wa aquaponics ya nêêlanô kgotsa mealô ya kgolô-bogareng e a tshitshinngwa go balemirui ba ba ntšhwa.
Technology ya aquaponics e matshwanedi thata go balemirui ba ba ntšhwa ka ntlha ya mabaka a a farologaneng:
E ka dirwa ka seêlô se se potlana mme e ka atoloswa morago.
Ga e tlhoke tiro e kalo kalo.
E ka tlhongwa ka didiro tse di seng tlhwatlhwa-godimo jalo.
Mmu o o nonneng kgotsa metsi a mantsintsi ga se ditlhokegô.
Aquaponics ya seêlô se se bogareng e matshwanedi mo tlhagisong ya ditlhagiso tse di foreshe tsa morafe, o o jaaka sekolo, legae la bagodi, restaurant kgotsa hotele. Aquaponics e ka dirwa ka seêlô sa kgwebo jaaka sekema se le esi le lekala la bolemirui.
Botsalano magareng ga palo ya ditlhapi le dimela e tla ikaega ka boleng jwa sefepi sa tlhapi, mefuta ya tlhapi le mofuta wa lapa la semela se se dirisitsweng. Dimela tse di golelang kwa godimo le dimela tse di enyang di tlhoka dikotla tse di tlhaolositsweng thata.
O tlile go tlhoka kitso ya setegeniki pele o ka simolola mokgwa ofe kgotsa ofe wa bolemirui jwa aquaponics. Ka jalo go tshitshinngwa gore balemirui ba ba ntšhwa ba bone katiso ya diatla pele ba ka simolola.
Tlhwatlhwa ya Dithulaganyo tsa Aquaponics
Thulaganyo nngwe le nngwe ya aquaponics e na le bomolemô le makoa a yona. Tlhwatlhwa ya dithulaganyo tsa aquaponics e tlile go ikaega ka bogolo jwa thulaganyo, moakanyetso wa yona le mofuta wa sediriswa se se dirisitsweng. E ka farologana gotswa go R1 000 goya go di-million tsa diranta go dithulaganyo tse kgolo tsa kgwebo.
Mmaraka wa Ditlhagiswa tsa Aquaponics
Go ka utlwala jaaka puo-pheteletsa, fela puo ya gore ‘mmaraka ke sengwe le sengwe’ e na le boammaruri mo bolemiruing, ke maatla-kgweetso a a fa morago ga dithulaganyo tsotlhe tsa temôthuo. Ithute ka mmaraka ka go dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka ga mmaraka pele o simolola bolemirui. Buisana le bao e ka nnang bareki ba gago mme o utlwe ka ga ditlhokwa tsa bona tse di totilweng. Senola gore ke mefuta efe ya dimela, kgotsa mefuta ya ditlhapi, le ditlhokwa tsa bona, sekai, ke bontsi jo bo kana kang jo o bo tlhokang le gore ke nako efe mo ngwageng e e siametseng kgolo. Fa go kgonega, tlhoma dikonteraka tsa papatso le bareki.
Go gakololwa gape gore o nne le mefutafuta ya ditlhagiswa go na le gore o nne le setlhagiswa se le esi, motseletsele wa mefuta ya lettuce le mefuta ya mere. Tsepamisa tlhaloganyo mo mefuteng ya dimela ya boleng jo bo kwa godimo jaaka mere e e foreshe, meretlwa le chillies; ditlhagiswa tseno di na le lotseno lo lo golo.
Mefuta ya ditlhapi tse di diriswang mo aquaponics e tlile go ikaega mo goreng ke mefuta efe e tikologo ya gago e go letlelelang go nna le yona. Botsa gotswa go lefapha la tshomarelotlhagô mo porofenseng ya gago gore ke mefuta efe e e diriswang ka bontsi mo bolemiruing jwa aquaponics mo Afrika Borwa. Go na le kgonagalo e kgolo ya gore e tlile go akaretsa bream, catfish, carp le ditlhapi-kgabisi.
Translated by Nchema Rapoo