Tshwarô e e Babalesegileng ya Digasi

© Louise Brodie
A tractor with spra tank and folding spraying arms.
Malwetse le disenyi di tshwanetse go ka thibelwa kgotsa go laolwa ka mokgwa o o maikarabelô o o seng kotsi go tikologo kgotsa go batho. Ka motsi wa taolô ya malwetse le disenyi, go tshwanetswe ga gopolwa ka metlha gore ditlhagiswa tsa dijo tse di babalesegileng tse di nang le boleng di tshwanetse go ka tlamelwa. Ka jalo tsepamiso-kakanyo e tshwanetse go nna mo mekgweng ya temô e e amogelesegang mo tikologong le mo setšhabeng.
Gore seno se fitlhelelwe, dikgatô tse di latelang di tshwanetse go tsewa mabapi le digasi tsa taolô ya bolwetse le sesinyi:
Badiri ba ba dirang mo taolông ya disenyi ba tshwanetse go ka katiswa.
Fa go dirwa ka dikhemikhale, badiri ba tshwanetse go nna kelotlhoko.
Ba tshwanetse go buisa setswao ka kelotlhoko.
Badiri ba tshwanetse go tlhokomela didiriswa.
Ba apare meaparo le didiriswa tsa pabalêsêgô tse di maleba ka metlha.
Ba seke ba ja kgotsa go nwa kgotsa go goga motsoko fa ba tswakanya kgotsa ba dirisa dikhemikhale.
Ba seke ba itshwara sefatlhego kgotsa letlalo ka diatla tse di kgotlhelegileng, mme ba tlhape diatla pele ba ka ja.
Ba tlhatswe diôbôrôlô ka go kgaogana gotswa go diaparo tse dingwe, mme ba seke ba ya gae ka diôbôrôlô tse di leswe.
Thibela metswedi ya metsi gotswa mo go kgotlhelegeng, o seke wa tshololela dikhemikhale mo matamong kgotsa melatswaneng.
Digasi tsa taolô ya malwetse le disenyi di tshwanetse go ka bolokwa ka metlha goya ka ditaêlô, mme tsela ya go tsêna mo bobolokelong jwa khemikhale e tshwanetse go kganêlwa.
Netefatsa fa dikitsisô ka ga pabalêsêgô di nna teng ka diteme tse di maleba.
Didiriswa tsa thuso-tshoganyetso le tsa botima-molelo di tshwanetse go nna teng go ka diriswa fa kgotlelego e diragala.
Thibela go diriswa gape ga ditshodi tsa dikhemikhale ka go sega diphatlha mo ditshoding morago ga tiriso.
Netefatsa fa malapa a a dulang gaufi le lefelo a tsiboswa ka nako ka ga letlha la go gasa. Tswalela mabati le matlhabaphefo, mme o anegolole diaparo kwa ntle. Badiri ga ba tshwanela go emisa dirori le pompo ya segasi kwa magaeng a bona, mme bana ga ba tshwanela go letlelelwa go ka tshamekela mo pompong ya segasi.
Modiri ga a tshwanela go tshameka le ngwana kgotsa go mo kuka fa a santse a apere diaparo tse di ka tswang di kgotlhelegile fa ba ya go ja dijo tsa motshegare kwa gae, ka ntlha ya gore dikhemikhale di ka tsenelela mo letlalong la ngwana. Badira ka segasi ba tshwanetse go tsenela ditlhatlhobo tsa boitekanelo ngwaga le ngwaga.

Translated by Nchema Rapoo