Nelson Mandela le Ruth First

©Dr Peter Magubane
Nelson Mandela a tlotla le molwela-ditshwanelo ka ênê Ruth First, mohumagadi wa ga Joe Slovo, yo e neng e le Mokwaledi-Kakaretso wa Communist Party of South Africa
Ruth First e ne e le molwela-ditshwanelo kgatlhanong le tlhaolele yo o itshupileng, gape e le mokwadi mme e le mongwe wa maloko a a simolotseng South African Congress of Democrats (COD). E ne gape e le motlhotlhi wa dikgang wa Guardian, Fighting Talk le New Age, a kwala ka ga botlhoka-tshiamiso jwa tlhaolele. Ka bo-1960, First o ne a le ka fa tlase ga kgolegô ya botshwarwa-nosi matsatsi a le 117 mme a ya botshabelo kwa England. O ne a bolawa ka bômô ya lekwalo kwa Maputo, Mozambique. First o ne a nyetswe ke molwela-ditshwanelo ka ênê Joe Slovo mme ba ne ba na le bana ba le babedi.

Nelson Mandela e ne e le tsala ya ga Ruth mme ba ne ba bua kgapetsa ka ga dipolotiki le mokgatlho-tsamao wa kgololosego. Ba ne ba latofatswa mmogo ka 1955 ka boepapuso mme ba se bonwe molato ka 1961. Setshwantshô seno se mmontsha a bua le First kwa tshekong ya bona ya boepapuso.

“Le rona re tlile go tlhokafala fela seo re se neelang mmogo go sesupu sa ngwao ya rona sa bosetšhaba se tlile go tshela go ya goile." ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more