
Nelson Mandela le Moeteledipele wa Baša Peter Nthite
Nelson Mandela le Peter Ntiti, moeteledipele wa baša.
Nelson Mandela le babegadikgang ba ba farologaneng, balwela-ditshwanelo le bomosemphato ba sepolotiki ba ne ba latofaletswa boepapuso ka dingwaga tsa tlhaolele tsa bo1950. Tsheko e kgolo ya boepapuso, e e tsereng sebaka se se ka nnang dingwaga di le 11, e ne e le tlhaselo e kgolo go Freedom Charter, e e neng e kwadilwe ke balwela-ditshwanelo ba ba botlhokwa. Ka 1961, balatofatswa botlhe ba ne ba se bonwe molato mme ba gololwa.
Mandela le balwela-kgololosego ba bangwe ba ne ba na le mokoa wa batshegetsi ba ba neng ba tla kwa kgotla-tshekelong nako nngwe le nngwe fa balatofatswa ba bitswa. Go tshwantshitswe fano ke Madiba yo monnye, a ralala boidiidi jwa batshegetsi ba ba opelang kwa tshekong ya gagwe ka 1958.
“Madi a ka se bake katlego. Kgololosego ya go a dira ke yona e ka e bakang.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...
more
Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...
more
Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....
more