
Madiba o amogela baeng kwa legaeng la gagwe kwa Orlando West.
Madiba o amogela baeng kwa legaeng la gagwe kwa Orlando West.
Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 8115 Vilkazi Street mme ntlo ya gagwe e sale ya fetolwa go nna museum.
‘Ka bosigo joo ke boetse le Winnie kwa No. 8115 kwa Orlando West. E ne e le fela fao fa ke ne ka itse mo pelong ya me gore ke tswile kwa kgolegelong. Go nna No. 8115 e ne e le pinagare ya lefatshe la me, lefelo le le tshwailweng ka X mo felotikologong ya tlhaloganyo me.’. O dutse fano le mohumagadi wa gagwe wa ntlha Evelyn Ntoko Mase mme morago ga go tlhalana Winnie o ne a tla go dula teng, ja 1958.
‘E ne e le ka fa letlhakoreng le lengwe la manobonono, fela e ne e le legae la me la ntlha la nnete mme ke ne ke le motlotlo thata. Monna ga se monna go fitlha a nna le ntlo e e leng ya gagwe.’
Morago ga nakwana ya matsatsi a le 11 kwa Soweto le balosika le ditsala ba ba neng ba mo amogela, o ne a fudugela kwa ntlong ya gagwe ya ga jaana le Winnie, kwa Houghton, Johannesburg.
“Go na le banna le basadi ba le bantsi ba ba sa tshwarang maemô a a itshupileng fela seabe sa bona mo tlhabololong ya setšhaba se leng se golo tota.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...
more
Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....
more
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...
more