
Mandela O Dumedisa Baeleletsi-Masego Ka Fa Ntle Ga Senagogo sa Pretoria
Mandela o dumedisa baeleletsi-masego ka fa ntle ga kereke ya Bajuta ya Pretoria.
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka dingwaga tsa tlhaolele tsa bo-1950. Balwela-kgololosego bano, ba ba neng ba akaretsa Mandela, Ruth First, Z.K. Mathews le Lionel “Rusty” Bernstein ba kwadile le go baya monwana Freedom Charter e e neng e bua ka ga dithata tsa batho ba Afrika Borwa. Mmuso wa tlhaolele ka jalo o ne wa rulaganya diphuruphutso tse di neng di sa solofelwa kgatlhanong le balwela-kgololosego bano tse di isitseng kwa Tshekong ya Boepapuso ya 1956 e e tsereng sebaka sa dingwaga di le 11. Ka 1961, botlhe ba ba neng ba latofatswa ba ne ba se bonwe molato mme ba gololwa.
Mandela le balwela-kgololosego ba bangwe ba ne ba na le mokoa wa batshegetsi ba ba neng ba tla kwa kgotla-tshekelong nako nngwe le nngwe fa balatofatswa ba bitswa. Go tshwantshitswe fano Madiba yo monnye, a ralala boidiidi jwa batshegetsi ba ba opelang kwa tshekong ya gagwe ka 1958.
“Ke ka thuto gore morwadi wa mohumanegi e ka nna ngaka, gore morwa wa modira-moepong e ka nna tlhogo ya moepo.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...
more
Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...
more
Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....
more