Disenyi tsa Terebe - Motlhwa

© Louise Brodie
To protect against mites, chemical control should only be applied after bud break and again 14 days later.

Motlhwa wa Lekukunya

Motlhwa wa lekukunya ke setshedinnyennye se okareng sebokwana se se anamiswang ke phefo, dinonyane le didiro tsa dijalô tse di kgotlhetsweng. Ga go bonolo go o bona ntle le go dirisa segodisapono le ka mariga ka fa gare ga makukunya. Mefuta e le meraro ya motlhwa e e fitlhelwang mo merareng ke motlhwa wa lekukunya, motlhwa o o kobang letlhare le motlhwa wa mo matlhareng, mme mo go yona motlhwa wa lekukunya ke ona o bakang tshenyo e kgolo. Segolo-bogolo ke Hanepoot le Cabernet Sauvignon tse di angwang bonolo ke motlhwa wa lekukunya. Matshwaô-tshwaetsegô a akaretsa kgolô ka phethene e e matsôkêtsôkê, dingatana tsa terebe tsa popego e e sa nnang sentle le dinoko tse khutshwane gape le go thunya ga makukunya go go sa tshwaneng.
Mangwe a matshwaô-tshwaetsegô a ka kopakopanngwa le a tlhaelo ya ditswammung, ke ka fao dipatlisiso ka segodisapônô di tshwanetse go dirwa go netefatsa go nna teng ga motlhwa wa lekukunya. Mo lobakeng lo go nang le tsenelelo e kgolo ya motlhwa, go ka se nne le thunyô ya makukunya, mme fa gona le thunyô dingatana tsa terebe di ka tswa di senyegile. Taolo ka khemikhale go sireletsa dijalô tsa ngwaga o o latelang e tshwanetse go dirwa fela morago ga thunyô ya makukunya fa ditshenekegi di ya kwa kgolông e ntšha. Tlhôphô ya nako e botlhokwa ka ge motlhwa o tlogela makukunya nakwana. Fela fa morago ga thunyô ya lekukunya, fa matlhogela a le boleele jo bo ka nnang 10 go ya go 15cm, gasa sebolayadisenyi se se kwadisitsweng ka nepô. Go gasa go tshwanetse go boeletswa fa morago ga matsatsi a le 14.

Motlhwa wa Matlhare

Motlhwa wa erinose ke wa lotso lwa motlhwa wa lekukunya, mme o iphepa ka matlhare a morara. Seno se baka go ruruga go go itshupileng kgotsa marôphi ka fa tlase ga letlhare. Mosola wa letlhare ka jalo o a amega. Tiriso ya sebolaya-fungi sa sulphur kgatlhanong le bolwetse jwa oidium e thusa gape le go laola motlhwa wa matlhare.

Translated By Nchema Rapoo