Go Tsaya Disampole tsa Mmu

©Louise Brodie
Go tsaya disampole tsa karolo e e tlileng go lengwa le go di isa tshekatshekong ke ntlha-tshimologo e e botlhokwa thata ya kgwebo nngwe le nngwe ya bojadi. Mokgwa-tsamaiso onô o senola dikotla tse di leng mo mmung ga mmogo le gore ke dikotla dife tse mmu o ka tswang o di tlhoka. Dipholô tsa diteko tseno di tlile go letlelela ditshelô tse di tsepameng tsa monontsha wa dielemente tsa tatediso tse di nnye le tse kgolo tsa dikotla.

Mokgwa

Dirisa garawe kgotsa augur le dikgamelo di le pedi, ya mmu-godimo le ya mmu-tlase, gore o bone sampole ya leemedi la mealô ka bobedi ya mmu-godimo le mmu-tlase ya gago. Sampole ya mmu-godimo gantsi e tsewa gotswa mo mmung o o fa bogodimong jwa 30cm.
Sampole ya mmu-tlase e tsewa gotswa porofaeleng kwa botlaseng jwa magareng ga 30cm goya go 60cm kgotsa 100cm, go ikaegile ka popegô ya medi ya sejalo se o ikaeletseng go se jala, le gore o batla go lema mmu kwa boteng jo bo kanakang. Fa popegô ya medi e se boteng, go ka tlhokega gore o tseye fela disampole tsa mmu-godimo.
Go sekaseka porofaele goya kwa boteng go tlile gape go go neela lesedi ka ga bokgoni jwa go ntsha metsi jwa mmu wa gago.
O tlile go tlhoka disampole di ka nna nnè goya go thataro mo hekethareng.
Santlha, lebaleba karolo e go tlilweng go jalelwa mo go yona go bona fa go na le dipharologano tse di bonalang mo sebopegong sa mmu. Fa mmu o lebega o tshwana ka bontsi, tsaya disampole gotswa go ralala karolo yotlhe ya jalô.
Tlhagola boalô jwa karolo e o tlileng go tsaya sampole mo go yona gontsha matlakala kgotsa masaledi a a jaaka tlhaga le ditswatsheding tse dingwe. Dirisa phethene ya Z, S kgotsa W go ralala karolo ya sampole. E tshwanetse go apesa fela karolo le dipharologano dingwe le dingwe tse o di bonang.

Go Dirisa Augur

©Lousie Brodie
Fa o dirisa augur, tsaya sampole ya fa bogodimong jwa 30cm mme o e tipele mo kgamelong ya mmu-godimo.
Boeletsa seno ka mmu o o kwa tlase go simolola kwa boteng jwa 30cm goya kwa tlase kwa boteng jo o bo sweeditseng, mme o tipele mmu onô mo kgamelong ya mmu-tlase.
Boeletsa seno mo dikarolong tsotlhe tsa sampole tse o di supileng. Ka mmu-godimo otlhe mo kgamelong ele nngwe le mmu-tlase otlhe mo kgamelong e nngwe.

Go Dirisa Garawe

©Louise Brodie
Fa o dirisa sepete kgotsa garawe go kokoanya disampole, santlha epa mosima o o khutlonnè wa matlhakore a a phepa ale borethe go bontsha porofaele ya mmu ka go tlhapa, go fitlha kwa boteng jo bo batlwang. Tsaya garawe mme o fale goya kwa godimo go simolola fa boteng jwa 30cm goya kwa godimo kwa bodilong jwa mosima, mme ka go dira jalo o fala boalô jwa centimetre di le pedi goya go tharo gotswa mo matlhakoreng a mosima gore go gelelege ka garawe. Seno se tshelwa mo kgamelong ya mmu-godimo.
Mokgwa-tsamaiso o o tshwanang le onô o a boeletswa ka go fala garawe goya godimo go simolola kwa botlaseng jwa mosima go fitlha fa tshwaông ya 30cm, o netefatse fa go sena mmu-godimo ope o o kgomolwang gore mmu-tlase wa gago o se kgotlelwe ke mmu-godimo fa o ntse o dira. Seno se tshelwa mo kgamelong ya mmu-tlase.
Boeletsa seno mo dikarolong tsotlhe tsa sampole tse di supilweng. Ka mmu-godimo otlhe mo kgamelong ele nngwe, le mmu-tlase otlhe mo kgamelong e nngwe.
Fela fa disampole tsotlhe di setse di tserwe, mme disampole tsa mmu-godimo le tsa mmu-tlase tsa dikarolo tsotlhe di le mo dikgamelong tsa tsona, mmu mo kgamelong nngwe le nngwe o tshwanetse go tlhakatlhakanngwa sentle.
Disampole tsa mmu-godimo tsotlhe tsa gago di a tlhakanngwa mo kgamelong ele nosi, mme disampole tsa mmu-tlase tsotlhe tsa gago di tlhakanngwa mo kgamelong e nngwe.
Laboratory e e tlabeng e dira tshekatsheko ya gago e tlabe e go file bogolo jwa sampole jo bo e tlhokang, ka jalo seno se ka tsewa gotswa mo dikgamelong le go tsenngwa mo dikgetsaneng tsa polasetiki le go tshwaiwa ka dintlha tsa tsona, mme di romelwe ka bonako jo bo kgonagalang kwa laboratory.

Translated by Nchema Rapoo