Tsamaiso ya Thupiso ya Sepedi ya Banna

Dithulaganyo-Mediro tse di Botlhokwa

©Dr Peter Magubane

Nako ya thupiso, e e neng ele (mme e santse ele) ka metlha mo gare ga mariga, e ne e ikaegile mo go nneng teng ga morwa wa maêmô a a kwa godimo wa kgosi kgotsa morwa wa ngwana wa kgosi mo gare ga magwera.

E ne ele moeteledipele wa lefelo la bogwera le moeteledipele wa botshelo-jotlhe wa mophato oo; ka tsela eno banna ba ne ba gokagane le bogosi. Maletsi ale mmalwa pele ga lebololo, rabadia le moditiana ba ne ba tlhophiwa ke lekotla la kgosi go laola le go kaetsa modiro. Ba ne ba diragatsa ditiro tsa bona jaaka barongwa ba kgosi.

Rathipana le ene o ne a tlhophiwa go dira tiro ya thupiso ya legwera lengwe le lengwe. O ne a tshwanetse gotswa kwa morafeng o o kwa ntle, go fokotsa matshosetsi a boloi. Mo bosigong jwa modiro wa pulamadibogo, badikana (magwera ba legato lantlha) ba ne ba tlhomagana mo moleng ole esi, mme moeteledipele a eme kwa pele. Fa morago ga gagwe, ka tlhomagano ya tatelano ya maêmô, e ne ele bangwe gotswa kwa kgorong ya segosi, mme ba selwe morago ke basimane gotswa kwa kgorong e e latelang, go fitlha ka mosimane gotswa kwa kgorong ya maêmô a a kwa tlase.

Basimane ba ne ba kgonama mme ba neelwe, ka tatelano ya maêmô, dikgwathiso di le pedi tse di botlhoko mo maragong a a sa ikategang ke rabadia. Kgwathiso goya ka tatelano ya maêmô e ne e tiisa saleruri setso sa gore maêmô a bonwa ka tsalô fela, mme eseng ka bononofi jwa gago. Tsamaiso eno e gateletse mosola wa thupiso mo morafeng wa Bapedi, wa go ruta, mme gape go beya magwera ka lenaneo mo popegông ya morafe.

Thupiso ya Bodika

©Dr Peter Magubane

Pele ga makuku a letsatsi le le latelang, lenaka la ntwa (phalafala) le ne e letswa mme, ka taelô ya rabadia, badikana ba ne ba ya kwa nokeng, kwa ba neng ba rupiswa goya ka tatelano ya maemo. Morago ga thupiso basimane ba ne ba dula mo metsing a a tsididi a noka, a a neng a thusa go retibatsa setlhabi. Morago ga go ikhutsa mo motshegareng, basimane ba ne ba gwantiswa goya kwa mophatong (lefelo la bodika), ka tatelano goya ka maêmô gape. Mophato o ne o agilwe ka dipale tsa logong le dithupana tse di lomagantsweng, tse kwa morago di neng tsa apeswa ka bojang le dikala.

O ne o na le matseno ale mabedi, mangwe kwa botlhaba, gore a diriswe fela ke banna ba ba neng ba tsamaisa sekolo sa bogwera, mme a mangwe kwa bophirima go diriswa ke basimane. Banna le basimane ba ne gape ba robala ka go kgaogana. Kgoro nngwe le nngwe e ne e na leiso la yona, mme barupiswa gotswa mo lelapeng la kgoro eo ba ne ba kokoana le go robala go le dikaganyetsa. Melelo e e goditsweng e ne e na le sesupo se se botlhokwa jo bo golo, ka ge e ne e gotswa ka magala a a tswang kwa molelong wa kgosi mme, ka paka ya tsamaiso ya thupiso ya bodika, go ne go sa letlelelwa gore e time.

Thulaganyo ya tsatsi le tsatsi ka motsi otlhe wa legato la bodika e ne e farologane go se nene. Bogolo jwa letsatsi bo ne bo dirisetswa go tsoma le go ikatisetsa ditiro-atla tsa banna, tse di jaaka tiriso-letlalo le bobetli ka logong. Matsha le dithapama di ne di dirisetswa dithuto tsa semmuso le kopelo ya dipina tsa thupiso. Badikana ba ne ba rutwa dimelô tsa bonna tsa bogatlhamela-masisi le boitshoko, kobamelo ya borraabona, ka kgatelelô e kgolo mo go supeng  pharologano le tlotlô go kgosi.

Dikitso le meetlo ya setso (tse di neng di akaretsa histori, dithulaganyo-mediro le melao) di ne di rutwa ka go dirisa puo ya bogologolo e e neng e tshwanelwa ke go ithutiwa ka mokgwa-poeletso. Ka paka yotlhe, basimane ba ne ba tsenela ditekô tsa itshoko, go akaretsa dikgwathiso tsa tsatsi le tsatsi. Maitseo a ne a gatelelwa ka fa go tsepameng, mme loso ka motsi wa thupiso lo ne lo itsagale.

Maloka a bodika a ne a akaretsa mophato o, pelenyana ga bokhutlo jwa bodika, o neng o thewa leina. Setlhopha seno se ne se kile sa bo se na le tiro ya bosole mme se le ka fa tlase ga ditaelô tsa kgosana ya mophato. Maloko a ne a meta dingwaga tsa bona ka go umaka leina leno la mophato, go itlhaola ka dingwaga gotswa mo malokong a mephato e mengwe. Fela fa tsamaiso ya go thaya leina e weditswe, setlhopha se ne se begelwa letlha le ka lona bodika bo tlileng go khutla, mme dijo di ne di baakanyetswa moletlo go keteka kalogo ya barupiswa.

Mo mesong wa bofelo, barupiswa ba ne ba tlhapa metshaso e mesweu e ba neng ba kgabisitswe ka yona ka paka yotlhe ya tsamaiso. Rre mongwe le mongwe o ne a bêola moriri wa morwaagwe mme a mo neele tshega e ntšhwa go amogela bonna jo ntšhwa jwa gagwe.

Mebele ya basimane jaanong e ne e tshaswa ka motswako wa mafura le letsoku. Mo legatong leno ba ne ba itsagale jaaka dialoga (bafalodi). Ba ne ba tlhomaganngwa goya ka tatelano ya maêmô mme ba kgwathiswe labofelo. Morago ga seno, ba ne ba gwanta ntle le go leba morago   fa rabadia a fisa mphato wa bona.

Thupiso ya Bogwera

©Dr Peter Magubane

Dingwaga di ka nna pedi morago ga fao thupiso ya bogwera e ne e bitswa. Ka mokgwa, eno e ne e tshwana le ya bodika, ntle fela le gore e ne e sa gagamala thata mme e tsaya sebaka se se ka nnang kgwedi fela. Ka legato le, magwera a ne a tsenngwa mo setšhabeng sa bonna, go ba kgontsha go diragatsa maikarabelo a bonna. Bogwera gape bo ne bo tiisa dikgolagano tsa borwarre tse di bopilweng ka boleloko jwa mephato.

Dikamanô tsa botshelo-jotlhe tsa bokopano le bodirisana-mmogo di ne di tlhangwa ka bogwera. Fa e sale ka tshimologo ya khudugo ka ntlha ya tiro, dikamanô tseno di bopile motheo wa ditlhopha tsa ‘banna ba etsho’ - banna ba gagesu – ba ba thusaneng go batlana le bodulo le tiro kwa toropong, go busetsa-gae ditopo tsa maloko a a tlhokafetseng, le go itsisane ka ditema tse di botlhokwa tse di neng di diragala kwa magaeng fa ba ntse ba dira mo toropong.

Dikgatô tsa kgolô ya monna le tswelelopele mo setšhabeng sa setso di ne di tlhalositswe ka botlalo mme di tlhoka tshelo-morago ya ditsamaiso tsa matshelo tse di tlhomilweng. Dikgatô di ka sobokanngwa jaaka: lesea; mosimane; moša (leSoboro); moša yo o rupisitsweng (modikana); leloko la paka-khutshwane e e mo magareng ga dithupiso (sealoga); morupiswa (leagola); morupiswa yo o mo bogwereng (legwere); le kwa bofelong monna.

Translated by Nchema Rapoo