Tlhokomelo mo Bolemiruing jwa Tlhapi ya Metsi a a Foreshe

© Marinda Louw
Mo dithulaganyong tse di rileng tsa bolemirui jwa tlhapi ya metsi a a foreshe (temôwatle), ditlhapi di tsholwa le go godisetswa mo dihôkông tsa letloa tse di lepeleditsweng mo letamong kgotsa letsheng, fa dithulaganyo tse dingwe tsa temôwatle di dirisa ditanka le matamo mo bolemiruing jwa tlhapi kwa kgwebo.
Tlhatlhobo ya kgapetsa le tlhokomelo ya nako le nako ya didiriswa e fokotsa ditshenyegelo tsa tirelo mme e tokafatsa bonontlhotlho jwa tlhagiso.

Go Tlhatlhoba Matloa a Hôkô

Matloa a a phepa a tokafatsa kelelo ya metsi mo matloeng mme a fana ka oxygenation.
Tshola matloa a le phepa gotswa go kgolô ya bolele ka go emisa letlhakore le le lengwe mme o le letle go omiswa ke phefo. Bolele jo bo omeletseng jaanong bo ka gotlhwa ka boraše.
Tlhatlhoba dihôkô tsa letloa beke le beke ka go emisa letlhakore le le lengwe ka nako go lebelela diphatlha le dikgagogo tse di ka isang kwa go ngweegeng ga ditlhapi. Seno se ka dirwa beke nngwe le nngwe mme gape le ka motsi wa tekô ya sampole ya kgwedi le kgwedi le ka malatsi a kotulo.
Tshekatsheko ya popegotheo ya dihôkô, letloa le tshetledi le yona e tshwanetse go dirwa morago ga tsamaiso ya tshoganyetso ya dihôkô ka ntlha ya, sekai, maêmô a oxygen e e kwa tlase le maêmô a bosa a a seng monate.

Go Sireletsa Dihôkô tsa Letloa

Dihôkô di tshwanelwa ke go sireletswa kgatlhanong le ditlhasedi tse di jaaka cormorant le otter. Lokela letloa la twantsho-tlhasedi kwa ntle ga dihôkô le le lepeleditsweng kwa boteng jwa bobotlana 1 m kwa tlase ga dihôkô tsa letloa.

Go Ntsha Tlhapi e e Suleng

Tlhapi e swa ka ntlha ya maêmô a boleng jwa metsi jo bo kwa tlase, malwetse le kgobatso le ditlhasedi. Ntsha tlhapi e e suleng ka gangwe. Tlhapi e e suleng gape e iphara kwa botlaseng jwa letloa malatsi ale mmalwa pele e kokobala. Tlhapi e e suleng e e kwa botlaseng e tshwanelwa ke go ntshwa ka motsi wa tlhatlhobo ya ka metlha ya letloa.

Mafelo a tlhagisetso a tshwanelwa ke go tlhatlhojwa tsatsi le tsatsi go supa tlhapi nngwe le nngwe e e suleng, e e tshwanelwang ke go ntshwa le go nyeletswa ka mokgwa o o siametseng tikologo go thibela kanamô ya malwetse. E ka epelwa mo mosimeng o o boteng; tshela komiki ya lime ya temôthuo go tlhapi nngwe le nngwe ya bogolo jo bo magareng. Lime e tokafatsa go bola ga ditswatsheding.
Ditsela tse dingwe tsa go nyeletsa tlhapi e e suleng di akaretsa go fisiwa ga ditoto kgotsa tiriso ya esiti. Dintshu tsotlhe tsa tlhapi (ditiragalo tse bongwe kgotsa dintshu tsa mogoso) di tshwanelwa ke go gatiswa. Elatlhoko gape dibaka-leso tse di kgonegang.

Go Sekaseka Serala

Tsepamo le boitshetletso jwa mela-tshetlegi ya letloa la hôkô di tshwanelwa ke go sekasekwa ga mmogo le pabaletshego le botshepegi jwa phaphamalo ya popegotheo ya hôkô, mmogo le phaphamalo-tsamaiso magareng ga dihôkô le dintshi tsa letamo di tshwanelwa ke go sekasekwa ka metlha.
Tshola bophepa jwa serala sa dihôkô. Serala se tshwanetse go fielwa tsatsi le tsatsi go ntsha sefepi sa kgale, mantle a dinonyane le bolele gotswa mo tlhaping. Se ka nna mareledi mo maêmông a a metsi mme melawana-tsamaiso ya pabaletshego ya metsi go badiri e tshwanetse go diriswa ka dinako tsotlhe.
Lebelela letshwao lengwe le lengwe la kgogolego mo dikhôlareng tsa hôkô le serala sa hôkô ya letloa. Gokelela ditaere tsa kgale magareng ga popegotheo ya hôkô le phaphamalo-tsamaiso go thibela tshenyego mo moalo-khurumetsing wa dipopegotheo ka bobedi.

Phepafatso ya Matamo le Ditanka

Mo dithulaganyong tse di bulegileng mo ditlhapi di sa tsholweng mo dihôkông tsa letloa, ditlhatlhobo di tlile go akaretsa go sekasekwa ga dipompo, phepafatsi ya ditlhotlhi le dipeipi, go ntshwa ga ditlhapi tse di suleng le go leba dielô tsa metsi.
Bojang bo tshwanetse go ka segwa go dikologa matamo mme matamo a phepagatswe gangwe le gape. Gangwe mo ngwageng matamo a tshwanetse go ka ntshwa metsi le go omiswa ka letsatsi. Goya le gore ke setlha sefe le gore a ditanka di ka mo gare ga kagô kgotsa kwa ntle, di tshwanelwa ke go phepafatswa beke le beke kgotsa mo bekeng nngwe le nngwe ya bobedi. Ka selemo, fa kgolo ya bolele ele magoletsa, phepafatso ya beke le beke e a rotlloetswa. Phepafatsa ditshirô tsa dipompo, matseno le matso tsatsi le tsatsi.
Ditshekatsheko tsa metsi tsa gangwe le gape di botlhokwa go thibela kgatelelô mo ditlhaping jaaka sebaka-bolwetse.

Translated by Nchema Rapoo