Titielo ke tiragalo e e leng mo go yona go fetolwang disetatše (dikhabohaetereite) le disukiri mo dikungwaneng jaaka majalwa (dibeine) le diesiti jaaka lakthousu (kase) le khabonedaeokosaete (biri).
Titielo ke sedirisiwa sa paakanyo se se laolwang go fetola tatso ya dikuno (sk. go tswa mo matuteng a terebe go ya go beine), go somarela ditlabakelo tse di tala (sk. khabetšhe e e dirilweng ka sauerkraut le kimchi) le go tlhama dijo tse dintšhwa (sk. monosodium glutamate - MSG).
Titielo ke thulaganyo eo ka nako eo sukiri ya tlhago mo dijong kgotsa ditlabakelo tse di tala di tla kgaoganngwa ka mefuta e e farologaneng ya dimaekropo. Mo thulaganyong ya go ritela, dikungwana jaaka khabonedaeokosaete, tlelaeserole, asetone le dinotagi di a bopiwa.
Titielo e ka kgona go simolola ka meuta, mogare, dibediso kgotsa diensaeme le mofuta wa kungwana se theilwe mo godimo ga sephedinyana se se simololang thulaganyo. Sekao, monosodium glutamate (MSG) e bopiwa ke fa mogare o amegang, dibithamine B2 le B12 go tswa mo titielong ya mouta le bojalwa le khapontaoksaete e bopiwa kwa morago ga titielo ya sebidiso.
Titielo e direga mo tlhokegong ya oksitšene le gore, le fa go le jalo, thulaganyo e e tlhokang oksitšiene.
Dititielo di tlhaolwa go ya ka mofuta wa diphedinyana tse di amegang, dikungwana tse di umiwang (sekao, ethanolo, esiti ya lakthiki, khapontaoksaete) le dijo tse di titietsweng - dinama, tlhapi, mašwi, merogo, dinawa tse di tshwanang le dinawasoya mmogo le mabele le maungo.
Mefuta e meraro ya titielo e tlhalosiwa ka bokhutswane:
Mofuta o mongwe wa titielo ke titielo ya esiti ya lakthiki.
Ditatšhe kgotsa disukiri di fetolelwa go nna esiti ya lakthiki ka thulaganyo ya dibediso le mogare. Mo nakong e ya mofuta wa dijo tsa titielo jaaka yokate, senkgwe se se botlha, sauerkraut le kimchi di a diriwa. (Kimchi ke dijo tsa setso tsa kwa Korea twe di dirilweng ka khabetšhe e e titietsweng, pepere e khibidu, lerole, konofole, gemere bj.bj. mo ditšhabeng tse di humanegileng).
Mofuta o mongwe wa titielo ke titielo ya bojalwa.
Ka nako ya titielo ya bojala ditatšhe kgotsa disukiri di fetolelwa go nna ethanolo le khaponetaeoksaete ke dibediso. Dikao tsa ditlhagisiwa ke veine le biri.
Mofuta wa boraro wa titielo ke titielo ya esiti e e leng boesiti.
Mabele le maungo di a titielwa go bopa dibhinika le kombucha - seno sa teye seo se titietsweng.
Dintshokuno tsa titielo gantsi di bonolo go sila go feta ditlabakelo tse di tala tsa setlogo le go fitlhela mesola e mengwe e e jaaka le diensaeme tsa tlhotlheletso ya masole a mmele, ditlaleletso tsa dijo (‘ditso tsa go tshela’) le phepo e e jaaka le bithamine ya C, tshipi le sinki ka thulaganyo ya titielo.
Titielo ka bonolo e ka fokotsa kgotsa go tlosa dilo tse di kotsi tse di jaaka le esiti ya faethiki ya ‘thibela phepo’. Esiti ya faethiki e kopantsha phepo tse di jaaka kalasiamo, maknisiamo, sinki le tshipi mo mabeleng le mo dinaweng. Mo dithulaganyong tsa diensaeme tsa ka nako ya titielo, esiti ya faethiki e robiwa mme le phepo tse di golotsweng go nna gona gore mmele o di mone.
Biri le veine ke dikuno tseo di itsegeng thata tse di dirilweng ka titielo ya disukiri ka dibediso. Mo biring, dipoelo tsa titielo di bonagala jalo ka ‘lefulo’ (kgotsa tlhogo ya biri) le ka bobedi mo dinong, bojalwa bo neelana ka mosola wa tlaleletso.
Souso ya soya le phesta ya miso di diriwa ka go titiela dinawasoya, korong, metsi le letswai.
Monosodium glutamate (MSG) e ntshiwakuno ka titielo ya ditlabakelo tse di jaaka digwere tsa sukiri, ntšhwe le dimolase.
Ditlabakelo tse dingwe tse di titietsweng di akaretsa salami, metlhware, kase, binika, tempeh (ntshokuno ya soya ya kwa Indonesia) le natto (dijo tse di nang le monko o o kgomarelang tsa kwa Japane tse di dirilweng ka dinawasoya).
Ga se dijo tse di titietsweng tsotlhe tseo di nang le ditso tse di phelang. Dijo tse dingwe di tswela pele go diriwa le ka nako e e jaaka dithulaganyo tsa go bolayamegare, go paka kgotsa go apaya ka go fufutsa, megare e tla bolawa. Dikao ke souso ya soya, biri le beine mmogo le tšhokolete le senkgwe sa tlhama e e botlha.
Titielo gape e dirisiwa ka nako ya ntshokuno ya teye, wiski, vodka jalo jalo.
Translated by Lawrence Ndou