Thuo ya Dipodi tsa Mašwi mo Afrika Borwa

©Marinda Louw
Dipodi di diragatsa bontle mo ditokologong di ka nna tsotlhe, ka ge di sa angwe bobe ke botsididi jo bo feteletseng kgotsa mogote. Dipodi tsa Milch (dipodi tsa mašwi) di na le bomolemô go feta dikgomo, ka gonne di ka bewa mo mafulong a a bokoa fa dikgomo tsa mašwi di ka se bewe fao ka ntlha ya moruo. Mašwi a podi a diriswa ke batho, segolo thata bana, ba ba lwatswang ke mašwi a kgomo. Fela ana le seelo se se kwa tlase sa esiti ya folic. Esiti ya folic, e e bitswang gape Vitamin B9, e botlhokwa mo go bopeng disele tse khibidu tsa madi, kgolô ya disele le itekanelo ya boboko. Mašwi a podi a feta a kgomo ka di-protein le diminerale.
Mašwi a podi a ka nna le tatso e e itlhophileng ka ntlha ya dipharologano mo mefuteng ya mafura mo lobebeng, mme seno se a neela tatso e e lobebe go feta mme e le borethe. Mašwi a podi a ka nna le tatso e e bogale ka paka ya tsadiso.

Matsopa a Dipodi tsa Mašwi

©SA Milch Goat Breeders Society
Selo se se botlhokwa go se akanyetsa fa o tlhopha podi ke: o tlile go bona kae phôkô ya gago e e latelang? Fa bontsi jwa lotsopa lo lo rileng bo le kwa tlase, go na le bokotsi jo bo kwa godimo jwa gore o tlhophe lo lo tsalanang le jwa diphologolo tse o setseng o na le tsona. Seno se ka isa kwa tsadisotshikeng.
Matsopa a dipodi tsa mašwi a magolo a mane mo Afrika Borwa ke:
Saanen (e tshweu). Leno ke lotsopa la podi ya mašwi lo lo tumileng go gaisa mo lefatsheng.
Toggenburg (e borokwana-tshetlha)
British Alpine (e ntsho)
Bunte Deutsche Edelziege (BDE) - Mebala e e farologaneng fela ka mothalo o o fifetseng gotswa fa tlhogong goya kwa mogatleng.

©Marinda Louw
Saanen e tshweu ke phologolo ya bogolo jo bo mo magareng goya go jo bo golo, e e tshabang letsatsi le le bogale la mo Afrika, mme e ka tshwarwa ke carcinomas (kankere) ya thele. Di siametswe ke dikgaolo tse di rurufetseng mme di tlhoka moriti. Saanens di boinêêlô ka ntshô e e kwa godimo ya mašwi (2.2 kg/ tsatsi), le fa butterfat (3.1 - 3.8%) e na le go nna kwa tlasenyane go na le matsopa a mangwe. Di siametse madirelo a mašwi a kgwebo.

©Marinda Louw
Toggenburg e e serokwa e tlisitswe mo nageng gotswa kwa Switzerland kwa tshimologong ya ngwaga-kgolo wa bo-20, mme ke lotsopa lwa podi ya mašwi lo lo gologolo go gaisa. Toggenburg ke phologolo e e tiileng, ya bogolo jo bo mo magareng ka moriri o mosesane o o boleta. Diphôkô di na le ditedu tse kgolo. Tlhagiso-mašwi ya Toggenburg e ka nna 2.0kg/tsatsi ka seelo sa butterfat sa 3.2 - 3.7%. Ga di a siamela maêmô a bosa a a mogote a dipula mme di rata bosa jo bo rurufetseng.

©Marinda Louw
Podi ya mašwi ya British Alpine e kgolo ka maoto a maleele, ke phologolo e e kgatlhisang - e ntsho ka matshwao a masweu, le boboa jo bo phatsimang (tsa namagadi). Diphologolo di le robongwe - namagadi tse thataro le tona tse tharo di tlisitswe mo nageng gotswa kwa UK magareng ga 1924 le 1936. Dipodi tsa British Alpine ke batlhagisi ba ba siameng ba mašwi - 2.0 kg/tsatsi. Di na gape le tlhagiso-mašwi ya mariga e e siameng le paka ya ntshô-mašwi e e atologileng. Seelo sa butterfat ke 3.2 - 3.8%. Di rata maêmô a dithemphoritšhara tse di mo bogareng a se bongôla thata.

Bunte Deutsche Edelziege (BDE) ke podi e kgolo e e maatla e e tlang ka mebala e e farologaneng. E ka tsamaya sentle thata mme ke phologolo e e tshelang sebaka e e tsadisang thata mme e sa tshwarwe bonolo ke malwetse. BDE e tlotlomaletswa mašwi a yona a a monate mme e ka kgonana le maêmô a a makgwakgwa.

Go Reka Podi

©Marinda Louw
Podi e e setseng e tsetsê potsane ele nngwe kgotsa go feta e tlabe e supile bokgoni jwa yona - e tshwanetse go nna motsadi o o siameng mme e kgone go tlhagisa bogolo jo bo kwa godimo jwa mašwi. Tlhôla bokete jwa yona (goya ka dingwaga tsa yona), nonofo ya maoto le dinao, meno mmogo le sebopego le itekanelo tsa thel, ntle le dikarolwana tse sa siamang kgotsa tse di thata tse e ka nna bopaki jwa bolwetse jo bo fetileng.
Tsa tona di tshwanetse go tia, go itekanela mme di godile sentle. Diphôkô tse di kgaotsweng dinaka le tsona di a amogelesega. Palô ya diphologolo e ya le bogolo jwa motlhape o morui a batlang go o tlhoma, madi a a leng teng, bogolo jwa mmaraka o o eletsang go rekisa mo go ona le lebelo la tsadiso ya dipodi.

Translated by Nchema Rapoo