Thekiso ya Dipodi tsa Nama mo Aforika Borwa

Go nna teng kgwebo ya nama ya dipodi mo Aforika Borwa go kwa tlase fa go bapisiwa le nku, nama ya nku le dinama tse dingwe tse di khibidu. Go na le mabaka a mantsi a se mme e ka nna ya bapiswa le go nna teng go go kwa tlase ga nama ya podi mo lekaleng le le tlhamaletseng la kgwebo le kitso e e lekanyeditsweng ya badirisi le tlhaloganyo ka mekgwa le mesola ya nama ya dipodi.

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Batsadisi ba Podi ya Maburu ba emetswe ke mekgatlho e e jaaka Boerbok SA.
Intasteri ya podi ya nama ya setso ga e a rulagangwa mo sebopegong sa mafapha a porofense le a bosetšhaba, mme ba bangwe ba bonnye jwa 40 ya batsadisi ba ba kwadisitsweng ke ba Indigenous Veld Goat South Africa (IVG SA). IVG SA e lebeletse go le gontsi mo tsweletsong ya temothuo ya podi go feta thekiso ya nama ya podi.

Le fa go ntse jalo, thulaganyo ya go rekisa ka thuso ya bagwebi/bafopholetsi ba dipodi ba tswelela ka dingwaga tse dintsi. Ka ntlha ya tlhokego ya dipodi mo mmarakeng o e seng wa semmuso le tlhaelo ya dipodi, balemirui ba bona tlhotlhwa e e siameng, tota ka dinako tse di rileng tsa ngwaga, gantsi di golaganngwa le meletlo ya setso.
Bontsi jwa dipodi tsa nama di rekisiwa mo Aforika Borwa di rekisiwang ka diphetisetso tsa poraefete mo marakeng o e seng wa semmuso go tlhabiwa ka ntlha ya bodumedi kgotsa setso. Dipodi tse di rekisiwang ka tlhamalalo go tswa mo polaseng di ka tloga go simolola magareng a dikgwedi tse 3 - 6 le go feta. Se se okeditswe ke tlamelo ya ditlha tsa go tlamela dipodi tsa boboa tse di kgolwane (+ dingwaga tse tlhano), gantsi di tla rekisiwa ka baemedi kwa KwaZulu-Natala.

Kwa thekisong, nama ya podi e ka rekisiwa ka boraselaga bangwe ba Mamosleme kwa Lenasia, mo Johannesburg le Di-Spar tse di rileng go ralala naga.

Go tloga ka 2003 go ya 2008 rakgwebo wa dijo Shoprite Checkers e ne e bapatsa chevon, tse di tsentsweng leinakgwebo CHEVON. Letsholo le le tseneletseng la go ruta badirisi ka ga chevon le ne le dirwa ke setlamo sa poraefete ka 2004. Khalahari Kid Corporation (kKC) le atlegile mo go beyeng chevon mo mabenkeleng a magolo a mmalwa mo Aforika Borwa (Pick & Pay, Checkers Hypermarket le Spar) le ba tlhomile letsholo la go dira gore badirisi ba itse ka ga boleng jwa maemo a a kwa godimo a chevon.

©Lourens Erasmus
Khalahari Kid Corporation ke setlamo seo mong wa sona sotlhe e leng Puso ya Porofense ya Kapa Bokone mme ke Serori se se Kgethegileng sa Maikaelelo (SPV), e e dirisiwang go rekisa maikaelelo intaseteri ya podi kwa Kapa Bokone. Maikaelelo ke go oketsa se mo diporofenseng tse dingwe tsa Aforika Borwa. KKC gape e thusa diporofense tse dingwe mo go tlhabololeng dikoporasi sa temothuo ya dipodi. Se se ka thusa balemirui ba ba simololang go tswelela ka bobona podi, go ya fela ka bogolo jwa naga e e leng teng, go godisa kgwebo ya bolemirui go nna ya thekiso. Dipodi tse di tshelang gape di rekilweng go tswa mo balemiruing ba ba simololang le go ba akaretsa ka botlalo mo ketaneng ya boleng.

Indigenous Veld Goat South Africa (IVG SA) e atlanegisa gore tlhokomelo e e tletseng newe thotloetso ya nama ya podi. Se se tla thusa go tlhama mmaraka go oketsa tlhokego ya badirisi. Kwa bofelong, e ka rotloetsa beng ba thoto ya go dirisa bolemirui ka dipodi, e seng fela go rua ka ntlha ya dithoto.’Go tsamaisa kgwebo ya tsweletso ya nama ya podi go tla oketsa go tlhaba dipodi mo lekaleng le e seng la semmuso e bile go ka oketsa lotseno lo lo bonweng go tswa mo temothuong ya nama ya podi,’ go gakolola IVG SA.

Thuto ya Badirisi

©SAMIC
Batsaakarolo mo intastering ya temothuo ya nama ya podi ba dumela gore thuto ya badirisi ke ntlha ya botlhokwa go oketsa topo ya kgwebo ya dipodi tsa nama mo lephateng la thekiso.
Patlisiso ke Yunibesiti ya Pretoria go teko ya kutlwisisong ya badirisi ka thulaganyo ya tlhaolo ya nama e khibidu mo Aforika Borwa e fitlhetse gore badirisi ba lotseno lo lo kwa tlase ba nnile le tlhaloganyo e e lekanyeditsweng ya nama tlhaolo ya nama e khibidu.

Le mororo ba mo maemong a mo bogareng le badirisi ba ba humileng gape ba na le tlhaloganyo e e ka nnang 50% badirisi ba tlhola letshwao la tlhaolo. Dintlha tse di tshwanang di ne di begilwe jaaka tse di botlhokwa le go feta. Seno se akaretsa boleng, go nna mafura le pono.

©Susan Schoenian University of Maryland Extension
Tshekatsheko e nngwe e e dirilweng ka 2005 ke L Simela wa Yunibesiti ya Pretoria o tlhagiseditse badirisi (ba lotseno le le farologaneng le ditlhopha tsa dingwaga) ka ditlhopha tse pedi tsa dinama tsa podi mme a bapisa le nama ya nku. Kwa ntle pharologano e nnye fela ka boleta magareng ga nama ya nku le chevon (dipodi di na le mesifa ya ditlhale e e magelejwa go feta mosifa wa nku), badirisi ba fitlhetse nama go tswa mo dinkung le dipodi e tshwana go tswa dingwageng tse di tshwanang (2- go ya go 6-meno dingwaga) di amogelwa ka go lekana.

Gape go fitlhetswe e le gore maemo a thuto ya modirisi e ne e le ntlha ya tshwaetso mo go amogeleng le go bapisa selemosi le maikaelelo a go ja nama ya podi. Tshekatsheko e konoseditswe gore chevon e amogelesegile mo Aforika Borwa go badirisi mme e ka nna ya amogelesega jaaka nama ya nku fa fela e le dipodi tsa dingwaga di le pedi kgotsa go tswa kwa tlase ka dingwaga.

Translated by Lawrence Ndou