Temothuo e e tswelang pele ke ntshokuno ya dijalo le diruiwa mo kagisong le tlhago ka ntlha ya go tswelela pele kgotsa go boloka metswedi ya tlhago. Tota tota, dithulaganyo tsa temothuo e e tswelelang pele di bona tikologo e e itekanetseng, poelo le go se tsee letllakore mo bosetšhabeng.
Mekgwa ya go dira ya tlwaelo ya temothuo e dirisa ditsenngwateng tsa kwa ntle jaaka dibolayasenyi tsa dikhemikhale, menontsha le ditlhare, tseo di leswefatsang le go fokotsa boleng ba metswedi e e tlhokegang go tswela pele go ntshakuno dijo tsa maloko a ka moso. Metswedi e e akaretsa metsi a a phepa, mmu o o phepa, mowa o o phepa le ditshedi tsa tlhago - mefutafuta ya dimela le diphologolo ka go dirisang mmogo go tlhoma tikologo e e itekanetseng.
Go fetola go tloga go temothuo ya tlwaelo go ya go temothuo e e tswelang pele, balemirui ba ka amogela mefuta ya ditsela tsa temothuo efe kgotsa efe e e tswelang pele. Ka mo fatshe ke tlhaloso e khutswane ya dithulaganyo tsa temothuo.
Mokgatlo wa lefase ka bophara Mokgatlo wa Matsholo a Boditšhabatšhaba a Temothuo ya Tlhago (IFOAM), o beile temothuo ya tlhago mo melawaneng e mene - wa maphelo, go se tsee letlhakore, tlhokomelo le tikologo. Temothuo ya tlhago e ikaegile mo dithulaganyong tsa tikologo, bophelo ba diphedi tsa tlhago le maemo a tlhago a a tlwaetseng maemo a tikologo, mo goreng o dirise ditsenngwateng tsa dikhemikhale jaaka le dibolayasenyi, dihomoune tsa kgolo le dibolaya megare. Ditiriso tsa temothuo ya tlhago di akaretsa phetosojalo ya dijalo, jalo ya dijalo tse di sireletsang mmu le go tlhotlheletsa dikamano tsa tlhago le tekanyetso ya bobatana ba monggae. Dikumo tsa tlhago di na le lekwalo la bosupi la semmuso.
Lereo le ‘agro-ecologia’ le tlholegile kwa Latin Amerika mme le supa go seo lefase ka bophara ba se bitsang ‘temothuo ya tlhago’. Tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e dirisiwa jaaka bobedi go fedisa le go amogela leano la phetogo ya maemo a bosa. Batho ba bantsi ba bona tirišo ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona jaaka kgopolo le boemo ba dipatlisiso tsa kwa morago ga temothuo ya tswelo pele le bolemirui bo bongwe ba go tswela pele, e ikaegile ka temothuo ya tlhago jaaka ntlha ya tiriso ya se.
Temothuo ya biodynamic e theilwe mo godimo ga tiro ya ramatlhale wa kwa Austria Ngaka Rudolf Steiner. Mokgwa wa temothuo wa gagwe o bone dikarolo tse di ikemetseng le dikamano tsa mmmu, diphologolo, dimela le batho le go bopa selo se se phelang.
Kgopolo e bona lefatshe le polasa jaaka selo sa go phela gape e bontsha tikologo ya lefatshe ka bophara. Dikgopolo tsa motheo wa bolemerui ba biodynamic ke go aga le tlhokomelo ya ditshedi tsa tlhago le mmu. Balemirui ba biodynamic ba mo Aforika Borwa ba tshwanetse go bona lekwalo la bosupi la ntlha mme ba dire kopo lekwalo la bosupi la biodynamic kwa Demeter.
Temothuo ya pabalelo ke mokgwa wa go sireletsa motswedi wa temothuo mme o lebeletse ditheo tse tharo. Sa ntlha ke go sisinya mmu ga nnyane ka semotšhene, bonnye ba 30% ya khupetso ya mmu le go tlhlola mefuta e e farologaneng ya phetosojalo (dijalo tsa ngwaga) kgotsa go jala ka botsalanao (dijalo tsa ngwaga otlhe). Letsholo le simolotse kwa Bokone le Borwa ba Amerika, New Zealand le Australia go tloga mme le phatlalatse ka bophara ba lefatshe go akaretsa Aforika.
Letsholo la ‘Tsa Kgwebisano ka Go Siama’ le simolotse ka bo 1970 ka balemerui ba kofi kwa Mexico. Letsholo la ‘Tsa Kgwebisano ka Go Siama’ le netefatšsa maemo a kgwebo a go siama le go tiišetšo ditheko tše kaone batsweletši ba bannye.
Ka tlwaelo, bantshakuno ba ‘Tsa Kgwebisano ka Go Siama’ ba rekisa dikuno tsa bona ka ditheko tseo di leng gore di beeleditswe le go tlhomamiswa le go amogela tefo ya tlaleletso. Tefo e e lefelwang ya tlaleletso e lefelwa setlhopheng sa bantshakuno mme e ka dirisiwa go tlhabolola setshaba.
Dikuno tse di ngwetsweng ‘Tsa Kgwebisano ka Go Siama’ e ra gore bantshakuno le barekisi ba kopane ka bobedi mme ba mo maemong a ‘Tsa Kgwebisano ka go Siama’.
Lereo le mogopolo ‘permaculture’ di tsweleditswe ka bo1970 ke ditlhale ba kwa Australia. Temothuo ya Tlhago e supa tsamaiso ya temothuo e e kopantsweng e e dirisiwang jaaka tlhago, moo dithulaganyo tsotlhe di leng ka kagiso. ‘Kwa nageng ga go tlhagolwe, kgasetso ya dikhukhwane, go lema, le go jala, fela e kgona go fepa tsotlhe tse di nnang moo.’
Maitshwaro a temothuo ya tlhago ke go tlhokomela lefatshe, tlhokomelo ya batho le go abelana - ga dintshokuno, kitso le metswedi. Temothuo ya tlhago e dirisa mekgwa ya tsa temothuo ya tlhago, kagodikgwa e e tswelang pele, matlhale a go jala dirapa le dithulaganyo tsa bolaodi ba metswedi ya batho ba setlogo.
Translated by Lawrence Ndou