Temô ya Canola

© Shem Compion

Canola e tlhagisiwa gotswa mo peong e tshesane, ka jalo e tshwanetse go jalelwa kwa boteng jo bo sa feteng 3 cm, jo bo seng boteng fa go bapisiwa le bontsi jwa dijalo tsa thoro. Go bona melô e ntle, mmu wa moalô wa jalô o tshwanetse go nna borethe ntle le makwêtê a magolo, bometsi mme o sa kitlana. Melô e e diegileng e tlile go dira gore go nne thata go matlhogela go gaisana le mefero, mme gape e a dire gore a tshabelelwe ke malwetse.

Mefuta

©Marinda Louw

Mefuta e e farologaneng e teng mo Afrika Borwa, e tlhaotswe goya ka ditlhokegô tsa yona tsa tsidifatso. Agricultural Research Centre e gakolola balemirui go akanyetsa malwetse a sejalo, boleele jwa kgolô, thôbô e e kgonagalang le mefero e e bothata fa ba tlhopha mefuta ya sejadi, mme gape ba tlhophe motswako go fokotsa matshosetsi a tlhagiso. Malatsi pele ga thunyô a farologana gotswa go ale 70 goya go 120.

Mefuta e Mentšhwa

Tlhamô ya mefuta e mentšhwa ke tsamaiso e e tsweletseng e maitlhomo a yona eleng go tokafatsa bogaisani jwa sejalo le bokgoni jwa sona jwa go tsenya lotseno. Mefuta e mentšhwa e dirwa diteko tsa go kganetso ya dibolaya-mofero tse d farologaneng kgotsa malwetse, kgotsa tsa boitekanelo jo bo botoka. 

Jalô

©Shem Compion

Bogolo ba jalô bo tlile go farologana gotswa polaseng ele esi goya go e nngwe, go ikaegile ka didiriswa tsa jalô le maêmô a mmu. Ka kakaretso, bontsi jwa peo jwa dikilograma di le tharo goya go nne mo heketareng nngwe le nngwe bo a diriswa, mme dijalo di katoganngwa ka go lekalekana go bona melô e e namatsang. Canola gantsi e jalwa morago ga dipula tsa ntlha ka Moranang go fitlha go sale gale ka Seetebosigo. Sejalo se tshaba kgatelelô ya mogote le ya komelelô ka paka ya melô le ya thunyô. 

Kumisô

©Shem Compion

Le fa tlhaelô ya dikotla dingwe le dingwe e tla nna le ditlamorago mo tlhagisong, nitrogen le sulphur ke dielemente tse di botlhokwa tse golaganngwang le tokafatso ya thôbô. Dielô tse di tlhokegang di ikaega mo sejalong se se tlhagisitsweng mo ngwageng wa pele, mofuta wa mmu, dintlha tsa bosa, mofuta wa monontsha o o dirisitsweng le mofuta wa tlhagiso, sekai, gore a go dirisitswe mekgwa ya temô-somaredi kgotsa nyaa. 

Kopa motlhankedi wa tsa jalô kgotsa moitseanape wa menontsha gore a go thuse go tlhama lenaane le le tla samaganang le ditlhokegô tsa dikotla tsa sejalo sa gago mo magatong a kgolô a a totilweng. Ka ge monontsha o tlhoka go tshelwa fa sejalo se o tlhoka thata gore tlhwatlhwa ya ona e diriswe ka botlalo. Go thibela tshenyego ya peo, nitrogen le potassium di tshwanetse go bewa kgakala le peo mme ditshêlô tsa nitrogen di tshwanetse go kgaoganngwa ka ditshêlô di le pedi goya go tharo. 

Dikotla-Potlana

Canola e angwa bonolo ke ditlhaelô tsa boron le molybdenum mme e na le tlhokô e e kwa godimo ya copper, zinc le manganese fa go bapiswa le dijalo tsa thoro tse dingwe. Ditlhaelô di ka siamiswa ka motsi wa jalô kgotsa pele ga jalô kgotsa ka digasi tsa mo matlhareng moragonyana. 

Madi ale mantsi a ka diriswa mo go tlhameng "phepô e e lekalekantsweng ka nepo", fela tiriso-madi eno e tshwanelwa ke go lekalekanngwa le kgonagalo ya go dira lotseno go netefatsa fa balemirui ba santse ba ka kgona go dira madi gotswa mo tlhagisong. Mafatshe a a bokoa, ka sekai, a tlile go tlhagisa dithôbô tse di bokoa go sa kgathalesege gore o tshela monontsha o mo kana kang. 

Translated by Nchema Rapoo