Sefako mo Afrika Borwa

© Richard Wheeler

Go tshwana le pula, sefako ke mokgwa wa komotiso mme seka tsenya seatla mo go nneng teng ga metsi mo kgaolong ya temô, fela gape se ka baka tshenyô e e tseneletseng mo dijalong tse di golang, segolo thata mo mafelong-banta a Afrika Borwa.

Sefako ke Eng?

Sefako ke dikgwele kgotsa maphatlô a kgapetla ka bogolo jwa gotswa go 3 mm goya go feta 50 mm. Ka ntlha ya gore go bopega ga sefako gantsi go tlhoka maru a tshekelelo ka mowa o o bogale o o yang godimo, sefako gantsi se golaganngwa le matlakadibe. Difefôfako gantsi di tsaya sebaka sa metsotso e ka nna 15 mme gantsi di direga mo gare ga motshegare goya kwa thapameng. 

Afrika Borwa e ratwa ke difefôfako tse di masisi, ka ge e dutse mo di-latitude tse di mo bogareng – kgaolo ya dithemphoritšhara tse di sa tsenelelang e e magareng ga digrata di le 30 le di le 60 kwa bokone le borwa jwa equator.

Sefako se Bopega Jang?

Difefôfako di tlhoka mewa e e yang godimo e e maatla, bogare jwa boswakgapetla jo bo lekaneng le metsi a a rurufaditsweng thata gore di bopege. Gore letlapa la sefako le le nnye go fetisa le bopege, mowa o o yang godimo ka lobelo lo lo ka etsang 35-55 km/h o a tlhokega. Matlapa o magolwane, a bogolo jwa kgwele ya golf, ka bomolagare jwa 40 mm, a tlhoka mewa e e yang godimo ka lobelo lo lo ka nnang 90 km/h gore a bopege.

Matlapa a sefako a simolola go bopega mo dipeong tsa marothodi a pula a mannye a a swileng-bokgapetla kgotsa kgapetla e e boleta e e itsagaleng jaaka graupel – boima jo bo thatafaditsweng jwa matlhotlhora a kapoko. Gore marothodi a pula a a swileng-bokgapetla, kgotsa graupel, a gole go nna matlapa a sefako a nnete, a tshwanetse go kokoanya dikgapetla tsa tlaleletso, tsamaiso e e bitswang accretion. Go dira seo, pelwana ya sefako e tshwanelwa ke go dula nakwana mo marung a a humileng ka metsi a a rurufaditsweng thata, kwa dithemphoritšhara di leng kwa tlase ga 0°C.

Matlapa a sefako a wela fatshe ka ntlha ya koketsego mo bogolong jo bo sa kgonweng ke mewa e e yang godimo ya sele ya sefefô, kgotsa a ka tshwarega mo moweng o o yang tlase mme a konopelwe fa fatshe. Matlapa a sefako a magolo a wela fatshe ka lobelo lo lo fetang 160 km/h. Sefako se se ntsi se gakologa pele se wela fa fatshe kgotsa se tlhatlhamologa ka mo gare ga matlakadibe a a mafega.

Dikgaolo tsa Sefako mo Afrika Borwa

©RE Schultze

Molemirui ga a tshwanela ke go itebala malebana le temô ya mo kgaolong e e nang le sefefôfako se se sa diragaleng gantsi, ka ge ditlamorago tsa sefefôfako se le esi di ka nna le ditlamorago tse di masisi tsa moruo mo tlhagisong ya dijalo. Sekai, batlhagisi ba diterebe tsa mo tafoleng kwa kgaolong ya Waterberg ya Porofense ya Limpopo ba ba itemogelang ‘fela’ sefefôfako se le esi goya go dile tharo ka ngwaga, ba lokela matloa a sefako a a tlhwatlhwa-godimo go khurumetsa ditshimo tsa morara. Go wa ga sefako go kwa godimo kwa naga-gareng ya KwaZulu-Natal, dikarolo tse di kwa bokone le bophirima jwa Kapa Botlhaba, bogare jwa Free State le dikgaolo tsa Nagagodimo tsa Gauteng, botlhaba jwa Free State le Mpumalanga go feta dikgaolo tse dingwe tsa Afrika Borwa.

Mafelo-Banta a Sefako mo Afrika Borwa

Go na le ‘mafelo-tiragalo’ a sefefôfako kgotsa ‘mafelo-banta a sefako’ mo Afrika Borwa. Mafelo ano a na le bokgapetsa jo bo kwa godimo go feta jwa sefefôfako fa go bapiswa le mafelo a a a potapotileng.

Kgaolo ya Misgund kwa Kgophung ya Langkloof, nngwe ya dikgaolo-tlhagiso tsa maungo a a tlhotlhoregang tse di kgolo mo Afrika Borwa ka fa tlase ga nosetsô, ke lefelo-tiragalo la sefefôfako, mme e itemogela ditatlhegelô tsa ka metlha.

Lebanta la sefako le lengwe le le golo le atologa go ikala le mekgokologa e e kwa borwa ya Dithaba tsa Winterberg kwa Kapa Botlhaba, go tloga kwa bokone jwa Somerset East go fitlha kwa bokone jwa Fort Beaufort. Balemirui ba monamune ba kgwebo kwa Kgophung ya Noka ya Kat gaufi le Fort Beaufort ba itemogetse ditatlhegelô tse kgolo ka ntlha ya difefôfako tse di masisi tsa ka metlha.

Kwa Kapa Botlhaba, difefôfako tsa Sedimonthole le Ferikgong di itshupile ka matlapa a sefako a magolo thata, a bogolo jo bo fetang lee la kgogo.

Go botlhokwa gape go itse gore ‘setlha sa sefako’ sa kgaolo e e totilweng se leng, ka gonne legato la sejalo le mo go lona sefefôfako se padimolang le dira pharologano e kgolo mo tshenyông e e bakilweng. Ka maswabi, tshedimosetso malebana le bokgapetsa jwa sefefôfako, mafelo-tiragalo kgotsa bogolo jwa matlapa a sefako ga e fitlhelelwe gotswa mo direkotong tsa tepôloapi.

Translated by Nchema Rapoo