Sa Cowpeas

© Michris janse van Rensburg
Cowpeas (Vigna unguiculata) e tlholegile mo Afrika mme e jalelwa go jewa ke batho le diphologolo. Dithôtsê, diphotlwa le matlhare a yona gantsi di diriswa jaaka dijo tsa batho. Cowpeas di itsagale gape jaaka swartbekboontjie (Afrikaans), dinawe (Ndebele), dinaba (Shangaan), imbumba (Zulu), monawa kgotsa nawa (Sepedi) le dinawa (Setswana).
Goya ka mofuta o o diriswang, cowpeas di pagama le go emelela (jaaka Dr Saunders) kgotsa di a gagaba (jaaka Bechuana White). Mofuta o o pagamang o siametse go nna phulô kgotsa sejalo-khurumetsa. Cowpeas di ka jalwa jaaka sejalo-gare kgotsa mo tikoloso-jalông mme di kgonana le komelelô. Ke semela sa nawa se se humileng ka protein, se se tlogelang nitrogen mo mmung gore e ungwele sejalo se se latelang.
Go fopholetswa fa thôbô ya ngwaga le ngwaga mo lefatsheng ya semela sa cowpea e ka nna 12,5 million ha, mo go yona palogotlhe ya tlhagiso ya thoro (ya dijo) ele 3 million tons. Afrika Bophirima le Bogare ke dikgaolo tse di tlhagisang cowpeas tse di eteletseng pele mo lefatsheng, ka go tlhagisa 64% ya 3 million tons e e fopholetswang ya thoro ya cowpea. Nigeria ke naga e e tlhagisang cowpea e e eteletseng pele mo lefatsheng, e selwa morago ke Brazil. Kwa Australia le Asia cowpeas gantsi di jalelwa phepô ya diphologolo, fela gape jaaka sejalo-khurumetsa kgotsa jaaka mosutele o motala go ungwisa mmu ka nitrogen le di-microbe tse di baakanyang nitrogen.
Mo Afrika Borwa cowpeas di tlhagiswa kwa diporofenseng tsa Bokone Bophirima, Limpopo, KwaZulu-Natal le Mpumalanga.

Go Ja Cowpeas

Cowpeas di ka apewa kgotsa tsa bediswa morago ga go inelwa mo metsing bosigo-jotlhe. Mme morago di apewe le merogo e mengwe go dira sopo, kgotsa di silwe go nna sejo kgotsa sekgomaretsi. Diphotlwa tse di foreshe tse di sa butswang di ka bediswa jaaka morogo.
Matlhare le dikalana di ka kgetlhwa le go diriswa jaaka sejo sa morogo se se tshwanang le sepinatšhe, fela gape di ka omiswa le go diriswa jaaka seemedi sa protein.
Dithôtsê tse tala nako dingwe di beswa jaaka matokomane, di silwe le go diriswa mo boemong jwa kofi. Dithôtsê tse di omisitsweng mme di silwe, nako dingwe di tswakanngwa le dieiye le dinoki mme di gadikwe mo mafureng.
Kwa diporofenseng tsa Limpopo le Mpumalanga matlhare a cowpeas a kotulwa a le foreshe jaaka morogo wa sopo kgotsa a omisetswe tiriso ya isago.
Cowpeas di na le iron (Fe), potassium (P), vitamin B9 tse di kwa godimo, di humile ka fiber, protein (go fitlha go 24%), di kwa tlase ka mafura mme di tletse amino esiti tse di farologaneng.

Cowpeas tsa Phepô ya Diphologolo

Cowpeas di jalwa gape jaaka phepô ya diphologolo - jaaka mo tlhagisong ya furu le go dira silage. Silage ke difepi tse di somaretsweng tsa diphologolo, tse di siametseng motsi wa komelelô.
Cowpea silage e dirwa ka go dirisa matlhare a cowpeas a a tlhakantsweng le matlhare a matala a mmopo kgotsa mabêlê mme go gatelelwe motswako onô o motala, o apeswe polasetiki le go tsimpelelwa gore o se tsenwe ke mowa. Mme o tlogelwe gore o bele.
Cowpeas di tlhagisa thôbô tse di ntle tsa dry matter ya boleng jo bo kwa godimo. Ka fa tlase ga maêmô a lefatse le le omeletseng, thôbô ya cowpea ke 2 goya go 3 ton ya dry matter/ha, fela thôbô e e fitlhang go 8t DM/ha e gatisitswe kwa dikarolong tse di noseditsweng.
Boleng jo bo gaisang jwa phepô go diphologolo bo ka fitlhelelwa mo mafulong a mo go ona cowpeas di jadilweng mmogo le mmopo.
Dikarolwana tsa sejalo sa cowpeas tse di fa godimo ga mmu, ntle le diphotlwa, di diriswa jaaka phepô ya diphologolo. Barui ba selegae ba ba segang le go boloka sefepi sa cowpea ka paka e e omeletseng ba ka dira go fitlha go 25% ya lotseno lwa bona lwa ngwaga ka go e rekisa jaaka sefepi.

Translated by Nchema Rapoo