Roobernet

© Glenneis Kriel

Tlhaloso

Roobernet ke terebe e e tsweleditsweng mo Aforika Borwa ka bo1960 ke Mop Chris Orffer ka go tlhakanya Cabernet Sauvignon le Alicante Bouschet. Go tshwana le Pontac, Roobernet kemofuta wa sefetommala– e nnone le matute a makhibidu, boemong jwa gore e nne mmala wa metsi jaaka mefuta e mentsi ya tse dingwe tsa mefutapeo.

Tlhago

Aforika Borwa

Maina a Mangwe

Ga go ape

Tsweletso mo Aforika Borwa

Mo Aforikaborwa, 270 ya heketara tsa Roobernet di jetswe mo dikgaolong tse di farologaneng tse di rekotilweng tsa bogologo ka 1996 kwa Stellenbosch.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Bontsi jwa dijalwa Roobernet di ka fitlhelwa dikgaolong tsa kwa Breedekloof (56ha), Robertson (52ha), Swartland (42ha), Paarl (43ha) le Stellenbosch (32ha).

Kgolo

Ke dimela tse di melang ka maatla se emeletse ka tlhamalalo e se nayang kuno ya 8 – 14 tono ka heketara. Tsamaiso ya go sekegediwa le yona e tla akaretsa kgolo e e phophomang.

Go Butswa

Roobernet ke mefutapeo o butswang marago na ka nako mo setlheng se se magareng, go tshwana le go Cabernet Franc. Palogare ya go topiwa ga tse di butswitseng ke go gamolwa ga 21 — 23° go nna le bogalaka bo bo lekanyeditsweng 6-7g/l.

Matlhare

Matlhare a botala jo bo tseneletsengs, ka go phatsima a ma kgolwane ka bogolo, a potokwe le loreto lo tseneletseng la botlhano.

Borekhu

Diterebe tsa Roobernet di ntsha kuno ya diako tse di repileng le bonnye, tse potokwe, borekhu jo bo lefifi jo bontsho. Matlalo a thata mmogo le go gonega, fa di butswitse ka botlalo. Matute ke a bohibidu ba madi.

Disenyi le Malwetse

Terebe e na le kemokgatlhanong siameng ya go fenya go bola ga botrytis fela e mo kotsing thata ya go sitiswa ke oidium, monyo o o boleta wa tlases, letsogo le le suleng (streepvlek) le moswi wa letsogo (tandpyn).
E ne ya itsisiwe intaseteringmya veinemya mo Aforika Borwa jaaka ‘e e phepafadistweng go mogare’ ka ntlha ya go sa rulaganngwe ga yone ga go ntsha mogare le go e medisa ka mokgwa wa maitirelo. Ke E kgona go itshokela phefo mme e ka nna masisi go komelelo.

Tiriso

E ka dirwa ka go veine ya mofutapeo o o leng mong o mohibidu, fela Roobernet gape ke molekane wa motswako o siameng ka ntlha ya mmala wa yona o tseneletseng. E ne e dirisiwa mo ngwageng wa 2001 kwa Fleur du Cap ka Pinotage go tsweletsa motswako wa e e kgethegileng ya ‘Aforika Borwa’ le Ruby ya lebopong ya setaele sa kwa Kapa ya Roobernet e dirilweng ke Jacques Smit. Go gakololwa go lekanyetsa ikgolaganye le letlalo ka nako ya go titiela.

Tatso/Moutlwalo

Roobernet e kwadilwe go nna e e farologaneng (ya tse di khibidu) ponalo e e bojannye mme gape e bontsha dikarolo tsa borekhu le bo thamane. Ka ntlha ya go bo e setse e nna le mmala o tseneletseng go tswa mo go matute a ma khibidu, ke ye e mefutpeoa e e tshwarelang thata e ka kgonang go tsweletsa fela diveine tsa mmala o tseneletseng thata mo maemong a a tsiditsana mo bogareng go ya ditshonong tse kagolo tsa mmu.
Ka fa tlase ga mabaka a, diveine di bontsha mekgwa ya Cabernet Sauvignon e e nang le ponalo ya bojannye le borekhu.

Translated by Lawrence Ndou