Petit Verdot

© Glenneis Kriel

Tlhaloso

Petit Verdot ke terebe e ntsho ya mofuta o o farologaneng, go ya ka setso e dirisiwa mo metswakong ya mefuta ya kwa Bordeaux. Leina la yona le raya “e e nnye e tala” ka Sefora, go raya mathata mo go boneng borekhu go tlhama le go butswa ka nako ya maemo a loapi a a tsiditsana.
Peresente ya terebe ga e a a netefadiwe, fela go umakiwa gore e ka nna ya losika la mefuta’ ya bogologolo, tse farologaneng tsa kwa Albani, Balisca, kgotsa e ka bo e simolotse go tswa mo gare ga go fetogela ga mefuta ya diphedi tsa diterebe.

Tshimologo

Le fa tota tshimologo ya mefuta e e farologaneng e sa itsiwe, mefuta e e farologaneng go bonala e tlhagisitswe kwa Bordeaux mo borwa bophirima jwa Fora lobaka go feta Cabernet Sauvignon. Mefuta e tsewa e le botlhokwa thata go feta Cabernet Sauvignon kwa Bordeaux, mme e ile kwa tlase ka go ratega mo tsamaong ya nako ka ntlha ya mathata le dikgwetlho tsa tsweletso.
Go runya ga dinta tsa terebe ka moraga ga di1800 le serame sa 1956, e gape e kileng ya tlhola go isa tlase go go kwa godimo gwa yona mo tsweletsong ya mefuta kwa Fora.

Maina a Mangwe

Makaelagongwe a akaretsa: Petit Verdau, Petit Verdot noir, Verdau, Bonton Blanc, Bouton, Carmelin, Heran, Lambrusquet noir, Verdot le Plant de Palus.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Legae la veine la Welgemeend le bonala jaaka la ntlha la go jala diterebe tsa Petit Verdot ka 1975. Kgaolo e e ka fa tlase ga tsweletso mo Aforika Borwa e ntse e oketsega ka iketlo, go latela go tlisa lwa ntlha e e tshwanang le yona e e botlhokwa ya go solofetsa ya Sefora ka dingwaga tsa bo1990.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Go jalwa ga diterebe tsa Petit Verdot go godile thata fa e sale go tloga ka dingwaga tsa bo 1990, ka Aforika Borwa e ka nnang itemegela diheketara tse di ka fa tlase ga 750 ka fa tlase ga mefuta ka 2016. Mefuta e jetswe mo dikgaolong tse tsotlhe tsa tsweletso ya veine mo nageng, le ka Stellenbosch e bong kgaolo e e kgolo go gaisa tsotlhe kwa tlase ga tsweletso, go latelwa ke Paarl le Robertson.

Kgolo

Mofuta o o o gola ka bontsi ka tlwaelo ya go nama. E na le bokgoni jo bo kwa godimo jwa tsweletso, e e ka nnang gare ga 20 t/ha go ya go 28 t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa mo gareng ga setlha kwa morago, go tswa kwa bokhutlong jwa Tlhakole go ya bogaregn jwa Mopitlwe.

Borekhu

Mefuta e tsweletsa tse nnye, bo potokwe, borekhu jwa letlalo le kima le le fetogelang go ya go botala jwa bontsho ge e butswitse sentle. Ka fa tlase ga maemo a loapi a a rategang, lelapa la diterebe le ka tsweletsa diterebe tse tala tsa go tlhoka peo.

Matlhare

Bogolo jwa bogareng go ya e kgolo ya matlhare a a nang le mmala wa botala jo bo tseneletseng, sebopego sa bolee le tlhano ya lerote.

Disenyi le Malwetse

Mefuta e e ka fengwa ke monyo o o bolete wa tlase le wa lorole. E tlhoka marang a ma ntsi a letsatsi go butswa sentle le go tswelela ka mmala.

Tiriso

Palo ya mefuta e e farologaneng ya e le nngwe ya Petit Verdot e tsweletswang mo Aforika Borwa, e ntse e oketsega ka boiketlo ka mo ngwagasomeng o o fetileng. Gape e dirisiwa go ntshetsa e e tlwaelegileng e leng mofuta wa metswako ya Bordeaux, ka sekai, Cabernet Sauvignon, Merlot, Cabernet Franc kgotsa Malbec.

Tatso

Ka kakaretso mefuta e e farologaneng e tsweletsa borekhu le moutlwalo wa thamane. E moutlwalo wa maungo e e tseneletseng e tlhagisiwang fa diterebe di amang ke bollo jo bo kwa godimo ka kgwedi ya Tlhakole. Veine e boswana thata ka bontsho le boperese jwa losi.

Translated by Lawrence Ndou