Nthokuno ya Litšhi

© Bruno Navez

Dilitšhi ke maungo a boboatsatsi a a tlholegileng kwa China mme a tumisitswe moo dingwagangwaga. Le fa Aforika Borwa, mo tsamaong ya ngwaga o o siameng, e ka nna nngwe ya tse mo maemong a ntlha a 10 a bantshadikuno ba litšhi mo lefatsheng ka ntshokuno ya ditone tse 8 000, e sa le kgakala le China ka ditone tse di ka nnang 200 000, e e neng e le kumo ya bona ka 2018.

Dikarolo tsa Ntshokuno ya Litšhi mo Aforika Borwa

Dilitšhi di mela sentle mo dikgaolong tse di bolelo, tse di bonola mme di se na serame tša boboatsatsi mo Aforika Borwa, segobogolo kwa dikarolong tsa bokone-botlhaba tsa Aforika Borwa.

Mo ntshokunong ya Aforika Borwa ya litšhi, 60% e tswa kwa kgaolong ya Nagatlase ya Mpumalanga mo ditoropong tse di jaaka Nelspruit, Hazyview le Malelane. 38% e nngwe ya dilitšhi tsa Aforika Borwa e tswa kwa Limpopo - Tzaneen ke toropo ya montshakuno o mogolo - le tsotlhe di tswa kwa dikarolong tse dingwe jaaka Profense ya KwaZulu-Natala.

Palogotlhe ya kgaolo e e jwetsweng ka dilitšhi mo Aforika Borwa e ne e le 1 124 ya dihektare ka 2016.

Ditlha tsa Dilitšhi mo Aforika Borwa

Setlha sa litšhi mo Aforika Borwa se simolola mo magareng a Diphalane kwa dikarolong tsa go sa le gale tsa Malelane le Komatipoort kwa Mpumalanga, e tlhatloga ka kgwedi ya Sedimonthole mme e fela mo bokhutlong jwa Tlhakole le maungo a nopotsweng kwa Nelspruit, Tzaneen le Louis Trichardt.

Dipalopalo tša Litšhi ya Aforika Borwa

Go tsaya dipalopalo go tswa kwa pegelong ya Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF) la Aforika Borwa, ‘Boleng jwa Mmaraka wa Litšhi wa Aforika Borwa’ e e phasaladitsweng ka 2017 e senotse gore mo ntshokunong ya ngwaga le ngwaga ya ditone tse 8 411, tse di ka nnang 55 di ne tsa romelwa ntle le 32% ya diragadiwa. Tekatekano ya 13% e ne ya rekisiwa mo dimarakeng tsa Afrika Borwa, bontsi ba yona mo dimarakeng tse di seng mo molaong. Mo diromelwantleng, ka go nna 90% e ya kwa Kgolaganong ya Yuropa, bogolosegolo kwa Netherlands.

Mosola wa diromelwantle tsa litšhi tsa 2016 e ne e le dimilione di le R760.

Dijalo tsa 2018/2019 tsa ditone tse di ka nnang 4 800 di ne di kwa tlase, fa go bapisiwa le ditone di le 10 400 tse di ntshitsweng ka 2017/2018. Seno gantsi ke ka ntlha ya maemo a loapi a a sa rategeng ka nako ya go thunya dithunya, setlhopha sa maungo le go mela ga maungo mo dikgaolong tsa go sa le gale tsa Mpumalanga.

Ntshokuno ya Litšhi mo Lefatsheng ka Bophara

Ntshokuno e e ka nnang 96% ya litšhi ya lefatshe ka bophara e tswa kwa Hemisefere ya Bokone le China, Taiwan, Vietnam, Thailand le India e leng bantshadikuno ba bagolo. China ke montshadikuno o mogolo thata mo lefatsheng mme e na le seabe se se ka nnang 70% ya nthsokuno ya lefatshe.

Aforika, Australia le Madagascar le bantshakuno ba hemisfere ya bokone. Australia e na le setlha se setelele go gaisa sa litšhi e bile e ka ntshakuno ya dilitšhi go tsweng ka Diphalane go ya Moranang fa Madagascar e le motlamedi o mogolo go gaisa mo lefatsheng wa dilitšhi kwa Yuropa. Bontsi jwa ntshokuno wa litšhi ya Malagasy e tswa kwa ditlhareng tsa kwa nageng e bile ga di na dibolayaditshenekegi.

Hisetori ya Bolemirui ba Litšhi

Litšhi ya gaabo kwa dikarolong tsa borwa tsa China le bokone ba Vietnam e bile e ntse e jetswe koo dingwagangwaga. E aname go ya India ba bo1700 gongwe le go anamela kwa Bophirima morago ga thibololo ya kwa China ke morongwa wa Se-Poland. Go jala dilitšhi go simolotse kwa West Indies ka 1775 mme ya jalwa mo dintlotaleng kwa Borithane le Fora mo tshimologong ya di1800.

Dilitšhi di tsa tlhagisiwa mo Aforika Borwa ka bo1870 go tswa kwa Mauritius, mo mefuta ya ditlhare tsa dilitšhi e e jalwang ga jaana e tswa. Setlhare sa litšhi sa ntlha se jetswe mo Ditshingwaneng tsa Dijalo kwaa Durban le go anamisiwa go tswa mo dikgaolong tse di senang serame tsa kwa Mpumalanga le Limpopo.

Mokgatlho wa Litšhi wa Aforika Borwa (SALGA) o ne wa tlhongwa ka 1975. SALGA e thusa ka patlisiso ya litšhi, e e tshegetsang bajadi ka kitso ya setegeniki le maraka ume mme o tlhagise dimmaraka tse di ntšhwa tša litšhi.

Translated by Lawrence Ndou