Nelson Mandela O Beela Bana Ba Sekolo Monwana Wa Boitsegi

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela o beela bana ba sekolo monwana wa boitsegi.
Go ralala bodiri jwa gagwe jwa sepolotiki, o ne amana le baithuti ba le ba ntsi. O ne a tle a etele dikolo, matlolehalahala a kwa metsesetoropong le ditoropokgolong go fana ka puo go baša ba naga. Thari ka bo-1970, baša ba eme kgatlhanong le mmuso wa kgatelelo wa tlhaolele mme ba dira ditshupetso kgatlhanong le Bantu Eduction Act e e neng e pateletsa gore Afrikaans e nne loleme lo lo golo lwa dithuto go baithuti botlhe. Letsatsi la tsogo-kgatlhong ya baithuti ya kwa Soweto le itsagale jaaka Youth Day mme le ketekwa ngwaga le ngwaga ka Seetebosigo 16. Le gopola matshelo a baša a a latlhegileng ka ntlha ya bosetlhogo jwa tlhaolele mme le keteka maatla a basa.

Madiba o ne a rata go amana le baša kwa medirong. E ne e le motho yo mo golo yo o kgothatsang mme a tlhomphiwa ke baagi ba dingwaga tsotlhe mo Afrika Borwa. Gore o ne a bewa monwana wa boitsegi kgotsa a nyeba, o ntse le seabe se se itshupileng mo bašeng ba Afrika Borwa.

“Ntle le thuto, bana ba gago ba ka se samagane le dikgwetlho tse ba tla rakanang le tsona. Ka jalo go botlhokwa thata go neela bana thuto le go ba tlhalosetsa gore ba tshwanetse go tshameka karolo mo nageng ya bona.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more