Madiba O Dumedisa Bana Kwa Boipatong

© Dr Peter Magubane
Madiba o dumedisa bana kwa Boipatong.
Fa ane a ngoka tshegetso, Mandela o ne ka dinako dingwe a amana le bana. O ne a dumela gore bana ke bokamoso jwa naga mme a thusa go agela ditlhaloganyo tsa baša ba le ba ntsi ba maAfrika-Borwa mo kagisong, boitshoko le tekatekano go botlhe. O tlhomile dikema tsa thuso tse di thusitseng bana ba ba nang le HIV/AIDS, mme a nna le kgatlhego mo baneng fa a ba bona kwa dikokoanong tsa lekoko, mme o ne a itumelela go amana le baša kwa medirong.
E ne e le motho yo mo golo yo o kgothatsang mme a tlhomphiwa ke baagi ba dingwaga tsotlhe mo Afrika Borwa. Gore o ne a bewa monwana wa boitsegi kgotsa a nyeba, o ntse le seabe se se itshupileng mo bašeng ba Afrika Borwa.
Boipatong e ne e le lefelo la baipei gaufi le toropokgolo ya madirelo ya Vereniging kwa Gauteng. E ne e le lefelo la matlhotlhapelo a a bolaileng batho ba le 45 ka 1992. Go ne ga kaiwa fa sepodisi le mmuso wa National Party ba ne ba na le seabe mme seno sa emisa dipuisano ka motsi wa dikopano tsa CODESA.

“Ga gona ope yo a tsalwang a tlhoile motho yo mongwe ka ntlha ya mmala wa letlalo la gagwe, kgotsa ka lemorago la gagwe, kgota tumelo ya gagwe.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more