Winnie le Nelson le Setlogolo Bambatha le Zindzi Mandela

© Dr Peter Magubane
Winnie Mandela, Nelson Mandela le setlogolo sa gagwe Bambatha, le Zindzi Mandela
Fa Madiba a ne a le kwa kgolegelong, morwadie wa gagwe Zindzi Mandela o ne a belega ngwana wa mosimane yo o bitswang Bambatha. Ba ba tshwantshitsweng fano ke Madiba le mohumagadi wa gagwe Winnie, morwadie wa gagwe Zindzi le setlogolo sa gagwe Bambatha. Setswantsho se se papametseng seno se bontsha letlhakore le le edileng la ga Mandela le tebo mo botshelong jwa selelapa jwa ga rraago setshaba.
Mandela o ne a na le lolapa lo lo atogileng e le ruri – bana ba le barataro, ditlogolo di le 17 le ditlogolwana di le 19. O ne a rata lolapa lwa gagwe thata, segolo bogolo ditlogolo mme o ne a tle a ba itumedise ka go ba tshegisa le metlae. Ba bangwe ka maswabi ba setse ba tlhokafetse, fela maloko a le mantsi a santse a na le seabe mo bosweng jwa ga Madiba.

“Ga ke ise ke kgathalele go abelwa dikgele. Motho ga e nne molwela kgololosego ka tsholofelo ya go fenya dikabô.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more