
Madiba le Setlogolo Sa Gagwe Bambatha
Go lebana mo matlhong magareng ga Madiba le setlogolo sa gagwe Bambatha.
Madiba e ne e le monna wa lapa. O ne a na le bana ba le barataro, ditlogolo di le 17 le ditlogolwana di le 19 mme o ne a ba rata botlhe. Morwadia Mandela, Zindziswa Mandela-Hlongwane o ne a na le morwa yo o bitswang Bambatha, yo e neng e le lesea fa Madiba a gololwa gotswa kgolegelong. Go tshwantshitswe fano 'rraago setshaba' a tlampuretse setlogolo sa gagwe, a nyebela mmotlana ka boitumelo, go bontsha letlhakore le le bonolo la kgodiso la moeteledipele wa mogaka.
Madiba o ne a rata bana thata mme o ne ka nako dingwe a ema go buisana le bona kwa dikokoanong le kwa meletlong. Le fa bokwantle jwa moeteledipele ono bo ne bo tlwaafetse bo le seriti, o ne a na le letlhakore la kgodiso le baagi ba le ba ntsi ba neng ba sa le bone, ntle le mo ditshwantshong.
A kgothatswa ke lerato la gagwe mo baneng, Mandela o ne a tlhoma Nelson Mandela Children’s Fund ka 1995 mme a abela bontlha-tharong jwa tuelo ya gagwe fa e ne e le tautona mo letloleng la yona. Mo dingwageng fela di le pedi madi a a fetang R36 million a ne a etleletsa manaane a feta 780.
“Nêêla ngwana lerato, setshego le kagiso.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...
more
Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....
more
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...
more