
Mandela O Kopana le Kissinger le Morena Carrington
Henry Kissinger, Nelson Mandela le Morena Carrington. Mandela go Bobegadikgang: “Letlha la ditlhopho ga le mo lenanêông la dipuisano.”
Morago ga go gololwa kwa kgolegelong, Nelson Mandela o kopane le maloko a setshaba a a botlhokwa le gonna le tlhotlholetso go bopa tsela ya Afrika Borwa ya sepolotiki le moruo. Mandela o kopane le madipolomate le mapolotiki gotswa lefatshe ka bophara go buisana ka ga tsela ya sepolotiki ya naga. Batho bao ba mapolotiki e ne e le Morena Carrington, mopolotiki wa kwa Brithane yo o dirileng mo kabineteng ya ga Winston Churchill le Henry Kissinger, Mokwaledi wa Puso ya Amerika yo o tletseng dipuopuo. Ba ne ba dira botsalano jo bo golo mme ba nna le tirisano e e siameng ka motsi wa botautona jwa ga Mandela.
Bobegadikgang bo ne ka nako dingwe bo tseye ditshwantsho tsa dikopane tse di jalo. Mandela o ne kaela bobegadikgang: “Letlha la ditlhopho ga le mo dintlha-puisanong”, seno se ne se raya gore kopano magareng ga borrapolotiki ba le bararo bano e ne e se ka ga ditlhopho tse di tlang tsa 1994.
“Ke motho yo o tletseng ditsholofelo gotlhelele. Gore seno se tswa mo tlhagong kgotsa mo kgodisong, nka se itse.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...
more
Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....
more
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...
more