Madiba O Naganela Potso Ka Nako Ya Puisano

© Dr Peter Magubane
Madiba o naganela potso ka nako ya puisano.
Madiba e ne e le moeteledipele wa Afrika Borwa yo o ratwang le go tlhomphiwa ka go gaisa. O ne a ratega go ralala lefatshe mme a ratwa ke ba le bantsi ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa go tima molelo wa dikgotlhang tsa bosemorafe mo nageng e e neng e le gaufi le ya ntweng ya selegae. E ne e le monna yo o seriti a ithobile yo a ntseng le katlego ya go fetolela Afrika Borwa gotswa tlhaoleleng go ya temokrasing.
Morago ga go gololwa kwa kgolegelong, Madiba o fane ka dipuisano sa bobegadikgang tse di farologaneng mo go tsona a neng a tlhopha mafoko a gagwe ka kelotlhoko le go dula a le makgwafo-tlase a iphuthile ka nako tsotlhe. O rile, fa o na le boitshwaro jwa tshiamo jo bo kwa godimo, go botoka gore a dule fatshe le go bua le batho go ba gogela mabapi le tshiamo ya maitlamô a gago.
Le fa Mandela e ne e le monna wa pelo e e bonolo yo o itlhotlhileng, e ne e le moeteledipele wa segatlhamela-masisi yo o fitlhisitseng Afrika Borwa mo tlhabong ya kgololosego, tsholofelo le katlego. Nngwe ya mafoko a gagwe a a tumileng e ne e le: “Fa o bua le monna ka teme e a e tlhaloganyang, go ya kwa tlhogong ya gagwe. Fa o bua le ênê ka teme ya gagwe, go ya kwa pelong ya gagwe.”

“Loso lwa motho, go sa kgathalesege seêmô sa gagwe mo botshelong, ke tiragalo e ka metlha e hutsafetseng e utlwisa botlhoko.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more