Muscat de Frontgnan
Muscadel
Thanololô
Muscadel mo Afrika Borwa e kaya mofuta wa Muscat de Blanc à Petite Grains, leina leno fa le ranolotswe le raya gore Muscat o mosweu ka meretlwa e me nnye. O kaiwa fa e le mongwe wa mefuta ya bogologolo ya terebe ya mofeine.
Afrika Borwa e tlhagisa mofuta wa bogologolo o mosweu mmogo le seka-mofuta, se se tshwanang le mofuta o mosweu ntle fela le gore meretlwa e khibidu. E dirisetswa thata go tlhagisa mefeine e e nonofaditsweng.
Tlhôlegô
Go dumelwa thata gore Marôma a isitse mofuta ono wa Gerika ya bogologolo kwa France, kwa o neng wa jalwa go utlwala kwa Frontignan. Mofuta ono, ka ntlha ya lebaka le, o itsagale gape ka leina la Muscat de Frontignan.
Maina A Mangwe
Ntle le Muscat de Blanc à Petite Grains le Muscat Frontignan, mofuta ono o mosweu o itsagale gape ka Gelber Muskateller kwa Germany le Muscat Canelli kwa California.
Mofuta o mohibidu o itsagale ka Brown Muscat kwa Australia.
Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa
Muscadel o ne o le mo gare ga mefuta ya ntlha e e dirisitsweng go tlhagisa mofeine wa ntlha mo Afrika Borwa, ka ngwaga wa 1659, dingwaga di le mmalwa morago ga gore Jan van Riebeeck a goroge kwa Kapa.
Muscadel o mosweu le o mohibidu, mmogo le Pontac e khibidu, Frontignan le Steen tse tshweu, gape di baleletswe mo mefuteng e e beileng mefeine e e tswina ya Constantia mo mmepeng ka dingwagakete tsa bo 18 le 19. Mofeine o ne wa tuma kwa moseja, o ne o ratega thata kwa dikgotlatshekelo tsa segosi kwa Europe, mme o roriswa ke baboki le bakwadi.
Mme Jennings mo bukeng ya ga Jane Austen ya Sense and Sensibility, ka sekai, o ne a rotloetsa “Constantia ka ntlha ya maatla a yona a go fodisa pelo e e swabileng”. Fa Charles Baudelaire mo lebokong la gagwe la Les fleur du mal (Malomo A Bosula) a ne a e bapisa le kgogedi ya moratiwa wa gagwe.
Go begwa fa Napoleon Bonaparte a ne a kopa lebotlolo la yona fa a ne a le gaufi le go tlhokafala. Nako ya yona e ne ya fitlha bokhutlhong fa Phylloxera, e leng tshenyikegi e e tsuntsunyetsang matute mme e sentse bontsi jwa merara mo nageng, e ne ya tlhasela Afrika Borwa ka 1886.
Go tloga ka nako eo, merara e ne ya tlhogelesetswa mo meding e e neng e sa tshabelelwe ke tshenyikegi eno, e ka nako eo e ne e tliswa mo nageng go tswa kwa Amerika Bokone. Afrika Borwa e kile ya nna nngwe ya dinaga di se kae, go ya go ngwagakete wa bo 20, tse di neng di tlhagisa Muscadel o mohibidu ka bontsi go feta o mosweu. Seemo se fetogile fa nako e ntse e tsamaya, mme seno sa baka gore dijalo tsa Muscadel o mohibidu di fokotsege go feta ka seripagare.
Dikgaolo Tsa Ntshô-Tlhagiso
Le fa karolo ya ntshô-tlhagiso e fokotsegile thata fa dingwaga di ntse di feta, merara e santse e bonwa mo bontsing jwa dikgaolo tse di tlhagisang mofeine mo nageng.
Robertson Valley e na le bogolo jwa merara ya Muscadel, mme e na le go feta seripagare sa karolo yotlhe ya ntshô-tlhagiso mo nageng. Mofuta o mohibidu o itumela thata mo mebung e e boteng ya seloko se se tlhapogileng ya kwa Klein Karoo, fa mofuta o mosweu o diragatsa bontle mo mebung ya serokwa. Mefuta ka bobedi e rata maemo a bosa a a bothito a omile.
Kgolô
Mofuta ono ga o gole thata jaaaka motswalo wa ona, Muscat d’ Alexandria (o itsagale gape mo Afrika Borwa jaaka Hanepoot). Ka ntshô magareng ya 15t/ha go ya go 20t/ha, ntshô-tlhagiso ya ona e kwa tlasenyana.
Go Butswa
E butswa go sale gale mo gare ga setlha, go simolola ka beke ya boraro ya Tlhakole.
Meretlwa
Mofuta ono o na le meretlwa ya bogolo jo bo nnye go ya go jo bo mo magareng mme e le kgolokwe. Mofuta o mosweu o na le mmala o motala-serolwana, fa mmala wa mofuta o mohibidu o farologana go tswa go khibidu e e tswapogileng go ya go e e tseneletseng, go ya ka seka-mofuta.
Matlhare
Matlhare a mefuta ka bobedi a botala jo bo tseneletseng, a makima, kgolokwe ka ditsebe tse tharo.
Disinyi le Malwetse
Mofuta ono o bonolo go senyiwa ke letsatsi mme o tshabelelwa bonolo ke moruso o mosweu, phori, anthracnose, botrytis le go bôla.
Tiriso
O dirisetswa thata go tlhagisa mefeine e e nonofaditsweng e mehibidu le e mesweu e e rekiswang ka fa tlase ga sesupô sa Muscadel. Bonnye ba ona bo dirisetswa go tlhagisa mofeine wa tlhago o o tswina.
Tatsô
Mofeine o na le botsofe jo bo gaisang jwa mefuta yotlhe. E e dirwang gore e nowe go sale gale e ka nna le tatsô ya terebe le ya malomô, fa tse di tlogelwang gore di tsofale di nna le mo utlwalo o o humileng o le matswakabele, ka tatsô ya mamepe, caramel le toffee.
Translated by
Nchema Rapoo