Metsi a ka nna mo dipopegông di le tharo – ka bokomota jaaka kgapetla, jaaka seêledi, kgotsa mo sebopegong sa gase jaaka mowametsi.
Mowafalo ke tsamaiso e mo go yona metsi-êledi a fetolelwang go nna mowametsi. Mo tsamaisong, metsi a ntshiwa mo boalông jwa mowafalo – mealô e e jaaka mawatle, matsha, dinoka, mebu le dimela tse di metsi.
Mowafalo gotswa mo mawatleng kgotsa matsheng e tla isa kwa go neng ga pula, fela mowafalo gotswa mo matamong a polokelo a a agetsweng go tlamela metsi a nosetsô ke bothata. Matamo a magolo a a seng boteng mo dikgaolong tse di mogote tse di omileng ga a dire ka botlalo.
Maatla a tlhokega go fetola molecules tsa metsi gotswa mo boêleding go nna mowa. Marang a letsatsi a neelana ka maatla a, fela go na le dintlha di le mmalwa tse di sweetsang seêlô sa mowafalo.
Themphoritšhara. Dithemphoritšhara tse di kwa godimo di oketsa mowafalo.
Bongôla. Mowa o o omeletseng o oketsa mowafalo.
Phefo. Phefo e e mogote e e omeletseng e tlile go tsena mo boêmông jwa mowa o o metsi mme seno se bake mowafalo e e bonako. Seno ke ntlha e e botlhokwa kwa dikemeng tsa nosetsô tsa kwa Lower Orange River, Vaalharts, Riet River le Sandvet le kwa dikgaolong tsa temô tse di nang le diphefo tsa thaba.
Diphefo tse di rurufetseng tse di bometsi gotswa mo lewatleng le le tsididi di oketsa bongôla mme di fokotse dielô tsa mowafalo.
Afrika Borwa e dutse mo di-latitudes tse di mo bogareng. Mafelo ano a dithemphoritšhara tse di edileng a dutse ntlheng e e ka dirang 30 goya go 60 degrees kwa borwa le kwa bokone jwa equator. Mo godimo ga seo, Afrika Borwa e na le dithemphoritšhara tse di kwa godimo le bongôla jo bo kwa tlase, tsotlhe tseno di na le seabe mo seêlông se se kwa godimo thata sa mowafalo.
Mowafalo e e ka diragalang mo dikgaolong tsa temô tse di amogelang pula ya 500 mm ka ngwaga e magareng ga 2 000 le 2 600 ka ngwaga. Bapisa seno le kgaolo e e kwa bogare jwa Europe, e e amogelang tshologo ya pula e e tshwanang ka ngwaga. Kgaolo eno e na le seêlô sa mowafalo se se ka diragalang sa fela 300 mm ka ngwaga, eleng bokgoni jo bo kwa godimo jwa tshologo ya pula.
Mo Afrika Borwa mowafalo e farologana gotswa kwa tlase ga 1 400 mm ka ngwaga kwa dikgaolong tsa Drakensberg/Maluti goya kwa go feteng 2 800 mm ka ngwaga kwa dikarolong tsa Kalahari. Seno ka bogolo le bonnye ke tsalano ya poelomorago magareng ga tshologo-magareng ya pula le mowafalo-magareng; fa tshologo e ntse e ya godimo, mowafalo e ya tlase.
Go botlhokwa go lemoga gore dielô tsa mowafalo tse di kwa godimo thata tse di ka diragalang di kwa di kgaolong tsa dikema tse di kgolo tsa nosetsô mo Afrika Borwa, tse di jaaka dikgaolo tsa Lower Orange River, Vaalharts, Douglas, Rama le Barkley West.
Bometsi jwa mmu bo na le seabe se se botlhokwa mo tatlhegelông ya mowafalo. Mowafalo gape e tswa ka bontsi go boalô jwa mmu jo bo fa bogodimong jwa 15 goya go 20 cm.
Mowafalo e diragala ka bonako gotswa mo boalông jwa mmu mo mmung o o nang le bometsi jo bo gaufi le field capacity. Field capacity ya mmu ke metsi a a salang mo mmung morago ga gore metsi-tlaleletso a tswe mo mmung. Masobana a magolo mo mmung a tlala mowa le metsi fa masobana a mannye a santse a tletse ka metsi.
Fa o nosetsa, leka go fokotsa mowafalo. O ka dira seno ka go oketsa field capacity ya mmu. Tshela metsi ka bontsi jo bo kgonagalang ka nosetsô mme o lete sebaka se o ka se kgonang pele o nosetsa gape – dinakwana-magareng tse telele magareng ga nosetsô. Akanyetsa di lekanyetso tsa ditlhokegô tsa metsi tsa sejalo. Seno se oketsa paka e ka yona mmu o leng gaufi le field capacity mme kwa morago, se fokotsa mowafalo.
Fela, ka fela go tshola boalô jwa mmu bo le metsi ka nosetsô tse tshesane tsa kgapetsa kgapetsa, go isa kwa tatlhegelông e e kwa godimo ya mowafalo.
Dikobelo le dikhurumetsa-mmu tse di tshwanang le tsona di ka diriswa go fokotsa mowafalo gotswa mo boalông jwa mmu.
Mowafalo le transpiration di diragala ka nako ele nngwe.
Mowafalo ke tatlhegelô ya metsi gotswa mo (mmung) boalông fa transpiration ele tatlhegelô ya metsi ka sebopego sa mowametsi gotswa mo matlhareng a sejalo.
Ka motsi wa jalô, e ka nna evapotranspiration yotlhe e e leng mowafalo gotswa mo boalông jwa mmu, fela fa sejalo se ntse se gola bogolo jwa boalô jwa mmu bo sireletswa ke matlhare a sejalo. Ka kapeso ka botlalo ya matlhare, go feta 90% ya evapotranspiration e tswa go transpiration.
Evapotranspiration e e kgonegang ke seêlô sa evapotranspiration gotswa mo boalông-kaelô jwa tlhaga jo bo sa tlhomamiswang, jo bo nang le mekgwa e e rileng mme bo senke bo tlhaela metsi. Seno se diriswa jaaka selekanyô sa tlwaelô go meta kgatlhanong le tlhokegô ya metsi ya dijalo tsotlhe tse dingwe.
Translated by Nchema Rapoo