Moretlwa wa legou wa Motse Kapa, o bidiwa “appelliefie” ka Aforikanse, e bona leina la yone go tswa kwa go nna makabakaba ga yona ka ntlha e na le kgolagano nngwe le nngwe ya kwa Motse Kapa mo Aforika Borwa. Meretlwa ya gauta e simolotse kwa Peru, go tswa moo ya anama go ya kwa Columbia mme morago ga moo go ya lefatsheng lotlhe. E setse e dirisiwa jaaka dijo tsa botlhokwa le mo mabakeng a melemo go tloga kwa mmusomogolong wa Incan wa bogologolo.
Ditshedi ga di a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le moretlwa wa legou wa Engelane, e e leng ditshedi tsa mefuta e e farologaneng e e senang kapa e bile e khibidu, botala kgotsa boserolwana. Moretlwa wa legou wa motse kapa, nnete ke gore, ga se moretlwa legou gotlhelele, mme ke karolo ya lelapa la morolwana e e leng ditamati, dipepere le ditapole le tsona ke maloko.
Columbia e ne e ntse e rena mo marakeng wa boditšhabatšhaba mo dingwageng di le dintsi, e e nagn le seabe feta bokana ka 99% ba diromelwantle. William Pulles, mong wa polase e e leng kgolo go gaisa ya moretlwa wa legou: Keisie Valley Gooseberries, le molamedi wa mo Aforika Borwa, e tlhalosa gore ditshenyegelo tsa ntshokuno di kwa tlase kwa dinageng tseno tsa Amerika Borwa, tseo dinaga tse dingwe di ka gaisanegn le tsona.
Moretlwa o o ntshwangkuno kwa dipolaseng tse dinnye tsa kwa Columbia. Dipolase tse ka gale di lekanyetsa diheketara tse pedi go ya go di le tlhano nngwe le nngwe, le maloko a lelapa a a dira tiro e le ntsi ka bo bona, se se feletsang le e seng ditshenyegelo tsa badiri. Fela fa o sa tswa go robiwa, moretlwa o rekilweng ke ditlamo tse dikgolo tse diragatsang moretlwa le thomelontle ya tsona kwa mafelong a a farologaneng go ralala lefatshe.
Moretlwa wa legou wa Motse Kapa o ne wa tlhagisiwa mo Aforika Borwa ka nako ya bo1770 mmogo le bahudugedi ba ntlha.
O ntshiwakuno mo Afrika Borwa ka bophara. Kapa Bophirima ke montshakuno o mogolo thata wa moretlwa wa legou wa Motse Kapa wa Kapa o latelwe ke Bokone Bophirima. Setlhatshana se mela go fitlha metara go ya kwa godimo, o mela sentle ka dikgaolong tsa maemo a bosa a a omeletseng kgotsa a seka-go oma, jaaka fa di fitlhelwa kwa Columbia le Peru. Meretlwa ya legou ya Motse Kapa e tshwanetse ditikologo tse di bothito ngwaga otlhe ka themphereitšha tse di sa fetelelang mme ‘meretlwa’ e e amega thata mo tshenyong ya segaganeng.
Setlhatshana se kgona go tswelela mo mefuteng e e farologaneng ya mebu, mme mmu o tshwanetse go nna le kgamolo e e siameng le diteng tsa dibodi tse di kwa godimo. Fa moretlwa wa legou wa Motse Kapa o sa tlhoke metsi a le mantsi, go nosetsa go a tlhokega go ntshakuno e e siameng.
Moretlwa wa legou wa Motse Kapa o simolola go supa maungo magareng ga dikgwedi di le nne go ya go di le tlhano morago ga go jalwa. Ditlhatshana di robiwa beke le beke go fitlha dikgwedi di le somerobedi morago ga moo, dikuno tsa yona di simolola go fokotsega mme dijalo di tshwanetse go tlosiwa ka dijalwana tse dintšhwa.
Go roba go dirwa ka seatla ka fa moretlwa o tshwanetse go nopolwa mo mo butsweng go go kwa godimo. Moretlwa o emisa go butswa, go tswa ka pharologano ya tatso, morago ga fa di sena go nopolwa. Moretlwa o o so butsweng o o so nopolweng o ka nna wa fetogela kwa go bogauta, mme ga o kitla o latswega go siama jaaka moretlwa o o nopotsweng ka go butswa go go siameng.
Mofuta o le mongwe fela o o farologaneng, e bong Physalis peruviana. Go adima tshwano ya William Pulles, Meretlwa ya legou ya Motse Kapa e jaaka letla le anya la lelapa la moretlwa, le le nang le dipeeletso tse di lekanyeditsweng mo tlhabololong ya mefuta e e tokafaditsweng ya ditlhare. Bantshakuno ba bantsi le bona ba jala go tswa mo dijalwaneng jaaka fa tse di le kwa tlase ka theko go feta dikgaolo tse dingwe.
William o kokoanya peo go tswa mo dijaleong tse di siameng thata, mme a di abelane le batlamedi ba bangwe. Mafelo a go godisa dimela a a kgethegileng a jala peo go nna dijalwana.
Thlokego ya moretlwa wa legou wa Motse Kapa e ntse e gola kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba ka ntlha ya go oketsa kitso ya tsona ya mesola ya boitekanelo. William Pulles’ o gateletse gore Nestle ga jaana e rekile nngwe ya ditlamo tsa moretlwa wa legou tse dikgolo go gasia kwa Columbia gonne ba setse ba e tshwaile jaaka selo se se latelang sa dijo tsa botlhokwa.
Meretlwa ya legou ya Motse Kapa yotlhe ya Aforika Borwa e rekisiwa mo gae, ka bontsi jwa maungo e faposediwang kwa mmarakeng o foreše. Mmaraka, le fa go ntse jalo, o lekanyeditwe ka gonne moretlwa o kwa godimo ka theko. Mo meretlweng e e lebileng kwa mmarakeng wa thulaganyo ya bodiragatsi, ebontsi bo dirisiwa go dira dijamo kgotsa ka go apeelwa mo metswakong e e dirisiwang mo yokateng ya maungo yoghurt.
Meretlwa ya legou ya Motse Kapa, go farologana le meretlwa e mengwe, e na le maemo a a kwa godimo a mafura, se se di dirang gore e nne barwadi ba mafura a a jaaka A, D, E le K. Kwa ntle ga se, meretlwa e humile ka diminerale, poroteine, tlhale, le lokwane.
Meretlwa ya legou ya Motse Kapa e ka nna ya itulelewa e le foreše, e dirisiwa mo dithotong tse di bakilweng, e tsidifaditswe kgotsa e diragaditswe go dirisiwa mo diphuting, matute, diyokate le dijamo. Meretlwa le kgotsa matlhare a bolelwa go nna le dithoto, tsa thibela thurugo, go nolofatsa tshilego ya dijo, go rotloetsa tatlhego ya mmele le go thusa go laola bolwetse jwa sukiri gammogo le kgatelelo ya madi e e kwa godimo.
Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.
Translated by Lawrence Ndou