Mmu o o Itekanetseng ka Temôthuo ya Tshomarelo-Tlhagô

© Marinda Louw
Go gola ga temogô ya botlhokwa jwa mmu o o itekanetseng, go isitse kwa palo e e golang ya balemi ba ba dirisang mekgwa-tiriso ya bolemirui jwa tshomarelo-tlhagô. Tsamaiso enô e theilwe mo dipilareng di le tharo, eleng tillage, dijalô-khurumetsa le tikoloso-jalô.

Tillage e Potlana

Tshomarelo-tlhagô kgotsa tillage e potlana e simolotse kwa USA ka seelo se se golo ka dingwaga tsa bo-1970, mme gotswa fao e ne ya anamela kwa dinageng tse dingwe, go akaretsa Afrika Borwa. Ka tillage ya setlwaedi, mmu o a lengwa, o a egwa kgotsa o a repetlwa, mme seno se kgoreletsa sebopego sa mmu mme fa nako e ntse e tsamaya se isa kwa tshenyegong ya mmu le kgogolegô. Seno se na gape le seabe se se sa siamang mo go hupeng metsi ga mmu, mme se golaganngwa le tshenyo ya ditshidinyana tse di dipoelô mo mmung.
Ka tillage ya tshomarelo-tlhagô, mmu o kgoreletswa ka bo botlana jo bo kgonegang. Ka motsi wa jalô, diforoko tse di kgethegileng kgotsa dijadisi tsa papetlatsheko tsa tshomarelo-tlhagô, di tlile fela go gotlha kgotsa go sega mmu mo moleng wa jalô kwa boteng jo bo tlhokegang. Jalô le kumiso le tsona di ka dirwa ka nako ele nngwe.
Go tila kgogolegô, balemi ba tshomarelo-tlhagô ba ba maikemisetso ba tla tsaya kgatô ya tlaleletso ka go dirisa GPS technology go netefatsa fa didiriswa tsotlhe tse di diriswang mo ntshô-tlhagisong, ngwaga mongwe le mongwe, di tsamaya mo ditselaneng di le dingwe mo mmung. Go sa nne le tillage gotlhelele ke mokgwa o o feteletseng go gaisa wa tillage e potlana, mo go dirwang fela phatlhana e tshesane mo boalông jwa kobelo mo mmung o peo le monontsha di tlileng go bewa teng.

Dijalô-Khurumetsa

©Francois Viljoen
Balemi mo malobeng ba ka tswa ba fisitse mafatshe morago ga kotulô go ntsha mefero. Balemi ba tshomarelo-tlhagô ga ba fise mafatshe a bona, mme ba tlogela masaledi a dimela mo lefatsheng, mokgwa-tiriso o o bitswang stubble retention. Stubble retention e na le dipoelô tse di farologaneng. E ka:
Kganela kgogolegô ya phefo le metsi.
Oketsa tsenelelô ya metsi le go hupa metsi ga mmu.
Fokotsa mowafalo.
Oketsa botswatsheding mo mmung.
Sireletsa ditshidinyana kgatlhanong le maêmô a bosa a a masisi.
Dira jaaka bodulo le dijo tsa ditshidinyana tse di mosola.

Tikoloso-Jalô

Mo boemong jwa jalô-nosi, mo sejalo se le sengwe se jalwang ngwaga morago ga ngwaga mo karolong ele nngwe ya lefatshe, balemi ba tshomarelo-tlhagô ba diragatsa tikoloso-jalô. Ba tlile go sekaseka dijalo tse di farologaneng tse di siametseng tlhagiso ka fa tlase ga tikologo ya bona ya tlhagiso, mme ba dikolose dijalo mo jalông.
Kwa Kapa Bophirima, ka sekai, dijalo tse di jaaka korong, canola, barley, lupines, medics le lucerne ke dkai tsa dijalo tse di ka tsenngwang mo thulaganyong ya tikoloso. Se segolo ke gore o seke wa jala sejalo sa ngwaga le ngwaga gotswa mo lolapeng lo lo lengwe mo mmung ole mongwe go feta dingwaga di le pedi. Thulaganyo ya tikoloso ga ya tshwanela go nna molao wa tšhaka, fela e tshwanetse go lejwa jaaka thuso ya bolaodi. Balemi ba ka e diragatsa fa go tlhokega, sekai ke fa bothata jwa mofero kgotsa bolwetse bo runya.
Maitlhomo a tikoloso ya jalô ke go roba saekele ya malwetse e e golaganngwang le jalô-nosi. Ditshidinnye le malwetse a a rileng a golaganngwa le dijalo tse di rileng, ka jalo fa o jala fela dijalo tseno go tlile go isa kwa kagegong ya ditshidinnye tseno. Ka go jala selo se sengwe, ditshidinnye tseno di tlile go tlhoka motswedi wa dijo, mme go ise kwa go fokotsegeng ga tsona.
Tikoloso-jalô e letlelela balemi go dirisa mokoa wa diboloyamofere tse di farologaneng go tshola mathata a mofero ka fa tlase ga taolô, se kwa morago se thusang go thibela kagego ya bolwantsha-diboloyamorefo. Diboloyamofero tsa bojang, ka sekai, ga di diriswe fa korong e jadilwe ka ge di ka bolaya korong. Fela balemi ba ka dirisa dibolayamofero tseno tsa bojang fa dijalo tsa matlhare a a sephara di jadilwe. Seno gape se jalo ka dibolayamofero tsa dimela tsa matlhare a a sephara. Di ka se diriswe mo dijalong tsa matlhare a a sephara, fela di ka diriswa ka motsi wa tlhagiso ya korong.
Fa o dirisa dibolayamofero, sala morago ditaelô ka metlha mme o dikolose ditlhagiswa tse di nang le ditswakwa tse di diragatsang tse di farologaneng, go thibela bolwantsha-diboloyamofero.

Translated by Nchema Rapoo