Matsopa a Dipodi mo Afrika Borwa
Goya ka Department: Agriculture, Forestry and Fisheries (DAFF) go na fela le batsadisi ba dipodi ba le 250 fela mo Afrika Borwa. Dipodi di fitlhelwa kwa diporofenseng tsotlhe tsa Afrika Borwa mme Kapa Botlhaba, Limpopo le KwaZulu-Natal di tlhagisa e ka nna 70% ya dipodi tsotlhe mo Afrika Borwa.
Podi ya Boer, Savanna le Kalahari Red ga jaana di kaiwa fa ele matsopa ale mararo a dipodi tsa kgwebo a a botlhokwa thata mo tlhagisong ya nama ya podi mo Afrika Borwa. Nama ya podi gantsi e bitswa chevon fa e tswa go tse di godileng le cabrito fa e tswa go tse diša.
Dipodi tsa Angora di tlhagisa mohair mme di beôlwa gabedi ka ngwaga. Bontsi jwa batlhagisi ba mohair bo kwa Kapa Botlhaba mme boboa bo phetolwa le go rekiswa kwa Port Elizabeth.
Barui le batsadisi ba dipodi tsa selegae mo malobeng ba ne ba kokoane ka bontsi kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, fela ga jaana ba fitlhelwa le kwa Limpopo, Bokone Bophirima, KwaZulu-Natal mmogo le kwa diporofenseng tse dingwe tsa Afrika Borwa.
Indigenous veld goat (IVG) ga e kaiwe jaaka podi ya nama ya kgwebo (ka ntlha ya setoto sa yona se se nnye) kgotsa jaaka podi ya mašwi ka fa e ntsha fela mašwi a a lekaneng dipotsane tsa yona. Dipodi tsa selegae fela, di batlwa thata go ka diriswa mo meêtlông ya setso le ya sedumedi le diketeko-meletlo tsa setso mo Afrika Borwa, mme di nna tlhwatlhwa-godimo mo dinakong tsa ngwaga tse di rileng fa meletlo enô e tshwarwa.
Matlalo le cashmere le tsona di ka tlhagiswa gotswa go IVG.
Matsopa a Dipodi tsa Nama ya Afrika Borwa
Matsopa a a tshwanang le Boer, Savannah le Kalahari Red a tumile le lefatshe mme a batlwa thata ka ntlha ya dimelô tsa ona tse di gaisang tse di jaaka tlwaelô-mafulo, boitshoko, botsadi jo bo siameng, tlhagiso ya nama le seelo se se kwa godimo sa tsadiso.
Letsopa la podi ya nama le le tumileng eleng ‘Boer’ le tlholegile mo Afrika Borwa. Ke podi ya nama e e tumileng thata mme e na le ntshô e e kwa godimo ya nama.
Chevron e na le seêlô sa mafura se se magareng ga 50 - 60% kwa tlase ga sa nama ya kgomo, fela e na le protein e e lekanang le ya nama ya kgomo.
Chevron gape e kwa tlase ka mafura go na le kgogo mme ga e na tatsô ya venison.
Podi ya Tankwa
Podi ya Tankwa, eleng podi e e tlhaga e e fitlhelwang kwa Tankwa Karoo National Park, e mo tseleng ya go kwadiswa semmuso jaaka letsopa le leša kwa Lefapheng la Temôthuo, Dikgwa le Tsa Ditlhapi (2018).
Dipatlisiso di supile fa podi enô ele mo setlhpheng se se kgaoganeng le sa dipodi tsa nama le tsa mašwi mo Afrika Borwa, mme e tlile go ka tlhongwa jaaka letsopa la landrace, mme eseng la 'Indigenous Veld Goat' (IVG).
Matsopa a Indigenous Veld Goat Breeds (IVG) mo Afrika Borwa
Ecotype tsa dipodi di le nne di teng mo tlhaolong ya IVG mo Afrika Borwa. Ecotype ke lotso lwa semadi lo lo itshupileng mo letsopeng (go tshwana le ka dintša).
Mofuta wa Nguni (Mbuzi) ke o monnye mo go yona ele mene mme gantsi e bontsha matshwao a Swiss. Eastern Cape Xhosa ya tsebe e e lepeletseng ke phologolo e kgolo e e thata ka ditsebe tse di lepelelang.
Northern Cape Speckled ke podi e kgolo ka mmele o mosweu ka dikôlô tse khibidu-borokwa kgotsa tse di ntsho.
Mofuta wa podi wa Kunene wa Kaokoland ke podi ya bogolo jo bo magareng ka maoto a maleele a masesane le mmala wa metakô-mebedi.
Sekema sa IVG mo Afrika Borwa se gola ka lobelo mme go tlhomilwe mekgatlho e mentšhwa ele mmalwa kwa diporofenseng tse di farologaneng. Malatsi a tshedimosetso le a thekiso ka kgaisanelo-tlhwatlhwa a tumile mme tsadiso magareng ga di ecotype e a rotloetswa.
Thuo-Podi ya Milch mo Afrika Borwa
Thuo-podi ya Milch (dipodi tsa mašwi) e tsweletse go gola. Fela, ka ntlha ya go nna teng ka bontsi ga allergy ya mašwi a kgomo, go na le ditshono di le mmalwa tsa gore kgwebo ya mašwi a podi e atologe mo Afrika Borwa. Le fa gole jalo, kakanyô ya go dirisa dipodi tsa mašwi mo baruing-potlana ba ba fatlhogang mo Afrika Borwa ga e ise e tsewe le go iswa-pele ke puso, le fa baitseanape ba ntse ba dira diteko dingwaga di le tlhano.
Lefapha la Temôthuo, Dikgwa le Tsa Ditlhapi e bona letsopa la Saanen jaaka letsopa la podi ya milch le le golo mo Afrika Borwa ka ntlha ya ntshô-_godimo ya yona - go feta litre di le 1 200 tsa mašwi mo tikong ya ntshô-mašwi ya dikgwedi di le 10.
Matsopa a mangwe a podi ya milch mo Afrika Borwa a akaretsa Toggenburg (e tshetlha kgotsa borokwa ka methalo e mesweu mo sefatlhegong), British Alpine (e ntsho ka matshwao masweu), French Alpine, Anglo-Nubian le Bunte Deutsche Edelziege (BDE).
Ntle le ditlhagiswa tsa mašwi, mašwi a podi a diriswa gape mo ditlhagisweng tsa tlhokomelo mmele le letlalo.
Dipodi tsa Tlhale mo Afrika Borwa
Dinku di tlhagisa wulu, fela dipodi di tlhagisa tlhale - cashmere le mohair. Cashmere - mofuta wa tlhale, eseng letsopa la phologolo - e beolwa gotswa ka fa tlase ga boboa mme e tlhwatlhwa-godimo ka ntlha ya go nna bothitho, boleta le go aparwa sebaka. Gorno Altai le Saffer ke matsopa ale mabedi a a lemogelwang tlhagiso ya ona a cashmere fa podi ya Angora e tlhagisa mohair. Dipodi tsa Angora di bêolwa gabedi ka ngwaga (Dipodi tsa Angora ga di tleboge) fa cashmere e ka kokoanngwa fa dipodi di tleboga ka dikgakologo.
Dipatlisiso tse di dirilweng ke ‘Lenaane la Cashmere’ le le kaetsweng ke ditlhopha tse di farologaneng tse di bopileng ‘Cashmere Working Group’ mo Afrika Borwa ka bo-1990 di supile fa dipodi tsa selegae jaaka podi ya Boer, di na le mefuta ya boboa ele mebedi - boboa jo bo magwata jwa tshireletso, le mofuta wa tlhale o mosesane kgotsa wa cashmere. Mo disampoleng tsa boboa tse di fetang 4 000 tse di dirilweng diteko, go feta 80% ya tsona e fitlhetswe e na le mofuta wa cashmere ka fa tlase.
Fela bontsi jwa tlhale ya cashmere bo ne gantsi bo se mo seêlông se se amogelwang sa kgwebo. Bokete-bogareng jwa tlhale ya ka fa tlase jwa dipodi tsa Boer le Savannah e ne ele 25gm go podi mme dipodi tsa selegae di ne di na le 12gm go podi nngwe le nngwe.
Mo pegelong ya gagwe ka dipatlisiso, Albie L. Braun o fitlhetse fa boleele jwa tlhale ya fa tlase le ntshô ya cashmere di ka tokafatswa ka go tsadisa dinamagadi tsa dipodi tsa selegae le diphôkô tsa ntshô-godimo tse di tlisitsweng mo nageng.
Tlhagiso ya cashmere e tlhoka nako le bodira-natla tse di tseneletseng mme go tlhokega metsotso e ka nna 20 go beola podi. Le fa gole jalo, setlamo-potlana sengwe kwa Kapa Botlhaba gaufi le Butterworth se tlhagisa ditlhagiswa tsa cashmere tsa boleng jo bo kwa godimo gotswa mo tlhaleng ya podi ya selegae ya Mbuzi.
Mohair o tlhagiswa ke podi ya Angora, gantsi kwa Kapa Botlhaba le Karoo, mme 50% ya ona e romelwa ntle. South African Mohair Growers’ Association (SAMGA) e tshegetsa barui ba dipodi tsa Angora.
Translated by
Nchema Rapoo