Maêmô a Basadi mo Ngwaông ya SeVenda

© Dr Peter Magubane

Botlhokwa jwa Basadi ba BaVenda

Kwa tshimologong basadi ba BaVenda ba ne ba sena maêmô a boesengmang a a neng a tshotswe ke basadi mo bontsing jwa merafe ya borwa jwa Afrika. Mo lelapeng la gagwe, mosadi o ne a na le taolô ka botlalo, mme mo malobeng basadi ba segolwane ba ne ba tshameka karolo e e botlhokwa mo thutong, ba tlotla dikgang tsa bona kwa maisong.

Basadi ba ne ba kgona go nna le dithoto tse eleng tsa bona, gantsi ba di neelwa ke borraabona, fela ba ne ba ka di ja boswa fa go ne go sena mojaboswa wa monna.

Go na le mabaka a mo go ona basadi ba neng ba diragatsa jaaka batshola-bogosi mo boêmông jwa barwa ba ba santseng ba le bannye, mme khosi e ne e kgona go tlhoma kgaitsadiagwe jaaka nduna kgotsa mukoma.

Bobotlana ke bogosi bo le esi (kwa Mianzwi) jo bo fetiseditsweng ka fa tshikeng ya sesadi mo dingwagangwageng. Makhadzi, kgaitsedi yo mogolo wa tlhogo ya lelapa, o ne a itse diphiri tse di bofitlha tsa lelapa mme o ne a na le ditshwanelo tse di kwa godimo mo baneng ba abuti wa gagwe go feta mosadi wa abuti wa gagwe. Ditsamaiso-mediro di le di ntsi di ne di ka se dirwe ntle le ene, mme mo lobakeng lwa dikgosi o ne a tshameka karolo e kgolo mo go swediweng ga botlhatlhami. 

Translated by Nchema Rapoo