Madiba kwa Washington, D.C

© Dr Peter Magubane
Mandela o tshwarana ka diatla le mmegadikgang ka nako go ikotlolola dinao phakela kwa Washington DC, mo ketelông ya ntlha ya gagwe morago ga go gololwa.
Fa Nelson Mandela a ne a bolola mo loetong lwa gagwe lwa Kgololosego go ralala lefatshe, o ne a tsaya loeto lo lo atologileng go ya kwa United States of America (USA). O ne a etela dikgaolo-naga tse di farologaneng, go akeretsa ditoropokgolo di etsa Boston, New York, Atlanta le Washington D.C. Mandela o kopane le tautona ya motsi oo George Bush Snr mme a dira dikamano tse di siameng tsa sepolotiki le tsa moruo magareng ga Afrika Borwa le USA.
Mo loetong lwa gagwe, mokoa wa babegadikgang le batsayaditshwantsho gotswa USA le Afrika Borwa ba ne ba pata Mandela jaaka a ralala le naga, ba mo tsaya ditshwantshô le go buisana le ene. Go tshwantshitswe fano Mandela a otlolola dinao phakela, a tshwarana ka diatla le mmuisani.

“Batho ba tsiboga ka tsela e o ba tsholang ka yona.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more