Madiba le Badirammogo kwa Legaeng la Gagwe

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela, Walter Sisulu, Zenani Mandela le mongwe kwa 8115 Orlando West, Soweto.
Go ralala bodiri jwa ga Nelson Mandela, o kopane le go aga botsalano jo bo kgotsofatsang le badirisani ba le bantsi ba sepolotiki, badirammogo kwa tirong le bommata jaaka Walter Sisulu le Moses Mayekiso. Sisulu le Mandela ba kopane kwa Johannesburg kwa Sisulu a neng a dira jaaka morekisi wa matlo mme morago ya nna leloko la African National Congress (ANC). Moses Mayekiso o thusitse go tlhama Congress of South African and Trade Unions (Cosatu).
Ba ba tshwantshitsweng fano ke (gotswa molemeng) Moses Mayekiso, Nelson Mandela, Walter Sisulu le morwadi wa gagwe, Zenani Mandela, kwa legaeng la gagwe kwa Orlando West, Soweto, morago fela ga kgololo ya Mandela gotswa kgolegelong ka 1990.

“Ke ntse botshelo jotlhe jwa me ke lora motsi o ka ona mathata otlhe a rona a tla rarabololwang mme ditsholofelo tsa rona tse di tlhaga di fitlhelelwang.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more